Lipalo 34 - Setswana 1970Melelwane ya lefatshe la Kanana 1 Morena a ba a bua le Moše a re: 2 “Laela Baiseraele o ba ree o re: ‘E tla re lo sena go tsena mo lefatsheng la Kanana, e nne lone boswa jwa lona, e bong lefatshe la Kanana ka fa melelwaneng ya lone. 3 Ntlha ya borwa ya lona a e bape le naga ya Etomo go tloga kwa sekakeng sa Tsine; molelwane wa lona wa borwa o simologe kwa mafelelong a Lewatle la Letswai ntlheng ya botlhabatsatsi. 4 Jaanong molelwane wa lona o thelele fa Phateng-ya-Diphepheng, o e pote ntlheng ya borwa, o fetele kwa Tsine, o be o felele ntlheng ya borwa ya Kateše-Barenea; o be o fetele kwa Hasare-Atare le kwa Asemone. 5 Kwa Asemone molelwane wa lona o thelele go ya kwa nokaneng ya Egepeto, o be o khutle fa lewatleng. 6 “ ‘Mme molelwane wa lona wa bophirimatsatsi a e nne lewatle le legolo, e bong losi lwa lone; a lone e nne molelwane wa lona wa bophirimatsatsi. 7 “ ‘Molelwane wa lona wa bokone e nne o: Lo itshegele molelwane go tloga kwa lewatleng le legolo go ya kwa thabeng ya Hore. 8 Lo sege molelwane go tloga kwa thabeng ya Hore go ya fa go tsenwang mo nageng ya Hamathe; molelwane o be o felele kwa Setate. 9 Molelwane o be o fetele kwa Siferone, o khutle kwa Hasare-Enane. A e nne ona molelwane wa lona wa bokone. 10 “ ‘Lo be lo itshegele molelwane wa lona wa botlhabatsatsi go tloga kwa Hasare-Enane go ya kwa Sefame. 11 Molelwane o be o fologele kwa Ribela ntlheng ya botlhabatsatsi ya Aine go tloga kwa Sefame; molelwane o be o fologe, o ame dithota tsa letsha la Khinerethe ntlheng ya botlhabatsatsi. 12 Molelwane o be o fologele kwa Joretane, o khutle kwa Lewatleng la Letswai. A e nne lone lefatshe la lona ka fa melelwaneng ya lone tikologong’ ”. 13 Mme Moše a laela Baiseraele a re: “Ke lone lefatshe le lo tshwanetseng go le kgaogana ka tengwa gore e nne la lona, le Morena o laetseng go le naya ditso di le 9 le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase. 14 Gonne lotso lwa Barubene ka fa dikgotleng tsa bone le lotso lwa Bagate ka fa dikgotleng tsa bone le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone. 15 Ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso ba amogetse boswa jwa bone ka kwano ga Joretane go lebagana le Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi.” Bagogi ba ba tshwanetseng go kgaoganya lefatshe 16 Morena a ba a raya Moše a re: 17 “Maina a banna ba ba tshwanetseng go lo kgaoganya lefatshe boswa ke a: Ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune. 18 Gape lo tsee kgosana e le nngwe ya lotso longwe le longwe go kgaoganya lefatshe boswa.” 19 Maina a banna bao ke a: Ke Kalebe morwa Jefune, wa lotso lwa ga Juta 20 le Semuele morwa Amihute, wa lotso lwa Basimeone 21 le Elitate morwa Khiselone, wa lotso lwa ga Benyamene 22 le kgosana Bukhi morwa Jogeli, wa lotso lwa Badane 23 le kgosana Haniele morwa Efote, wa lotso lwa Bamanase, boora Josefa 24 le kgosana Kemuele morwa Sifetane, wa lotso lwa Baeferaime 25 le kgosana Elisafane morwa Pharenage, wa lotso lwa Basebulone 26 le kgosana Phaletiele morwa Asane, wa lotso lwa Baisašare 27 le kgosana Ahihute morwa Selomi, wa lotso lwa Baasere 28 le kgosana Phetahele morwa Amihute, wa lotso lwa Banafetale. 29 Ke bao ba Morena o ba laetseng go kgaoganya Baiseraele boswa mo lefatsheng la Kanana. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa