Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipalo 17 - Setswana 1970


Thobane ya ga Arone

1 Morena a ba a raya Moše a re:

2 “Bua le Baiseraele, o tsee mo go bone thobane e le nngwe ya lotso longwe le longwe, e bong mo dikgosaneng tsotlhe tsa ditso tsa bone, e bong dithobane di le 12. O be o kwale leina la mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.

3 Mme leina la ga Arone o le kwale mo thobaneng ya ga Lefi. Gonne thobane e le nngwe e tla nna ya tlhogo ya lotso longwe le longwe lwa bone.

4 O be o di bee mo Tenteng ya Boipontsho fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao kwa ke kopanang le lona gona.

5 Jaanong thobane ya monna yo ke mo tlhophang e tla tlhoga; ka mokgwa o ke tla khutlisa dingongorego tsa Baiseraele tse ba lo ngongoregelang ka tsona gore ke se tlhole ke di utlwa.”

6 Ya re Moše a bua jalo le Baiseraele, dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo neela dithobane, kgosana nngwe le nngwe ya mo neela thobane e le nngwe ka fa ditsong tsa bone, e bong dithobane di le 12. Mme thobane ya ga Arone ya bo e le mo gare ga dithobane tsa tsone.

7 Moše a ba a baya dithobane fa pele ga Morena mo Tenteng ya Tshupo.

8 Jaanong ya re kamoso Moše a tsena mo Tenteng ya Tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya lotso lwa ga Lefi e tlhogile, e ntshitse matlhare, e thuntse dithunya, e bile e budule maungo a moamantele.

9 Moše a ba a tsaya dithobane tsotlhe fa pele ga Morena, a di ntshetsa kwa Baiseraeleng botlhe, ba di bona, mme kgosana nngwe le nngwe ya tsaya thobane ya yona.

10 Mme Morena a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao gore e bolokwe go nna sesupo mo dirukhutlhing, o khutlise dingongorego tsa bone, o di tlose mo go nna gore ba se ka ba swa.”

11 Moše a dira jaaka Morena a mo laetse; a dira jalo.

12 Mme Baiseraele ba raya Moše ba re: “Bona, re a swa, re a nyelela, re tla fela rotlhe.

13 Mongwe le mongwe yo o ka atamelang Tempelana ya Morena o tshwanetse go swa. A re na le go fela ka go swa?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan