Likhutsahalelo 5 - Setswana 1970Selelo se khutla ka thapelo 1 Gakologelwa, Morena, tse di re tletseng! Leba ò bone kgobego ya rona! 2 Naga ya ga etsho e tserwe ke baeng; ba ditšhaba di sele ba nna mo matlong a rona. 3 Re fetogile masiela, re se na rraarona; e kete bommaarona ke batlholagadi. 4 Metsi a rona re a nwa re a lefetse ka madi; dikgong tsa rona re di bona ka go reka. 5 Ba ba re lateletseng ba mo thamong tsa rona; fa re lapile, ga re na go ikhutsa. 6 Re neelanye diatla le Baegepeto le Baasiria gore re tle re kgore bogobe. 7 Borraetsho ba leofile, mme ga ba tlhole ba le teng; ke rona ba re rweleng dipetso tsa melato ya bone. 8 Batlhanka ba a re busa, ga go na yo o re gololang mo diatleng tsa bone. 9 Dijo tsa rona re di tseela gae re le mo kotsing ya go bolawa; re tshaba tšhaka ya baagi ba sekaka. 10 Letlalo la rona le tuka bolelo jaaka sebeso ka ntlha ya mogote wa tlala. 11 Go tlotlolotswe basadi mo Sione le makgarebe mo metseng ya Juta. 12 Dikgosana di pegilwe, tsa kgangwa ke megala ya bone; go sa tlotlwe banna bagolo. 13 Makau a na le go kuka lolwala; basimane ba wa ba imetswe ke dikota. 14 Banna bagolo ga ba tlhole ba ya lekgotleng; makau a khutlile go letsa dirankure. 15 Boitumelo jwa dipelo tsa rona bo fedile; dipina di re fetogetse bohutsana. 16 Serwalo sa bogosi se ole mo ditlhogong tsa rona. A tatlhego ya rona wee, ka re leofile! 17 Tse di re lwatsang dipelo le go fifatsa matlho a rona 18 ke tsa thaba ya Sione e e fetogileng marope, e diphokojwe di sianang mo go yona. 19 Wena Morena o ntse o busa ka bosakhutleng; sedulo sa bogosi sa gago se tlhomame mo ditshikeng tsotlhe. 20 Ke ka ntlhaang, fa o re lebalela ruri, o re tlogela sebaka se seleele? 21 Morena, re busetse kwa go wena gore re tle re tlhabologe; ntšhwafatsa malatsi a rona jaaka gale! 22 Kampo a o re latlhetse ruri? A o re galefetse thata thata? |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa