Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Likhutsahalelo 4 - Setswana 1970


Go lelelwa boikepo jwa Bajuta le tatlhego ya bone

1 Malo-nna-wee! Gouta e fifetse jang, ga fetoga gouta e ntlentle! Mafika a a boitshepo a tshololwa kwa dikhutlong tsa mebila.

2 Bomorwa Sione ba e leng dinatla, ba ne ba tlotlega jaaka gouta e ntlentle. Ijoo! Ba kailwe dinkgwana tsa letsopa fela, tse di dirwang ke diatla tsa mmopi.

3 Diphokojwe le tsona di ntshetsa diphokojwana mabele a tsona go di amusa. Mme morwadia morafe wa me o ne a le setlhogo jaaka bontšhwe mo nageng.

4 Loleme lwa lesea lo ne lwa kgomarela magalapa a lone ka lenyora; bana ba lelela bogobe, go se na yo o ba nathelang.

5 Baji ba tse di monate ba ne ba felelela mebileng; ba ba neng ba robadiwa maseleng a mahibidu ba lala kwa thutubudung.

6 Gonne molato wa morwadia morafe wa ga etsho o ne o feta boleo jwa Sotoma, ona motse o o ribegeditsweng ka ponyo ya leitlho, o sa amiwe ke diatla.

7 Baikiledi ba ona ba ne ba phatsima bogolo go semathana, ba phala mašwi ka bosweu; ba ne ba le mmele o mohibidu bogolo go matlapana a dikorala, ba bopegile jaaka a botala jo bowebu.

8 Ponalo ya bone e ntshofetse bogolo go mosidi, ga ba itsiwe mebileng; letlalo la bone le ngaparetse marapo a bone, ba omeletse jaaka dikgong.

9 Ba ba bolailweng ka tšhaka ba tlhogonolo bogolo go ba ba suleng ka tlala, ba ba feleletseng, ba bolawa ka go tlhoka dijo tsa masimo.

10 Basadi ba ba bonolo ba apaya bana ba bone ka diatla tsa bone; ya nna dijo tsa bone mo tatlhegong ya morwadia morafe wa ga etsho.

11 Morena o dirafaditse kgalefo ya gagwe, a gorometsa bogale jwa gagwe jo bo tukang; a tshuba molelo mo motseng wa Sione o o jeleng metheo ya ona.

12 Dikgosi tsa lefatshe le baagi botlhe ba lone ga ba a ka ba dumela, fa mopitlaganyi le mmaba ba ka tsena mo dikgorong tsa Jerusalema.

13 Mme ba tsenye ka ntlha ya dibe tsa baporofeti ba gagwe le ka ntlha ya maleo a baperesiti ba gagwe, ba ba neng ba tsholola madi a basiami teng.

14 Ba ne ba thekesela jaaka difofu mebileng, ba kgotlelegile ka madi; batho ba bile ba palelwa ke go ama diaparo tsa bone.

15 Ba goelana ba re: “Fapogang, yo o itshekologileng ke yo! Fapogang, fapogang, se mo ameng!” Ba bua mo ditšhabeng ba re: “Fa ba tshaba le go thekesela ga ba a tshwanela go nna mono.”

16 Morena ka esi o ba faladitse, ga a tlhole a ba tlhokomela. Baba ga ba a ka ba tlotla baperesiti, le e seng go tlhomogela baporofeti pelo.

17 Matlho a rona a ntse a itapisitse go lebelela thuso e e leng ya lefelafela; re ne re tlhola re le mo diraleng tsa rona, re letela setšhaba se se sa tleng go re thusa.

18 Ba ne ba lalela dikgato tsa rona, re sa kgone go tsamaya mo dipatlelong tsa rona. Bokhutlo jwa rona bo ne bo atametse, malatsi a rona a feleletse, ee, bokhutlo jwa rona bo ne bo tlile.

19 Ba ba re lateletseng ba ne ba le bobebe bogolo go bontsu ba legodimo; ba re tsoma mo dithabeng, ba re lalela mo sekakeng.

20 Mowa wa bophelo jwa rona, e bong Motlodiwa wa Morena, o ne a tshwarwa mo digopong tsa bone; yo re buileng ka ga gagwe ra re: “Re tla phela mo moriting wa gagwe re le gare ga ditšhaba.”

21 Wena morwadia Etomo yo o agileng mo lefatsheng la Use, itumele o thabe. Le wena o tla tlelwa ke senwelo; o tla tagwa, o ikapola!

22 Kotlo ya gago e lekanye, wena morwadia Sione; ga a ka ke a go isa gape mo botshwarong. Mme wena morwadia Etomo o tla go beletsa molato wa gago, a ba a senola maleo a gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan