Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Likhutsahalelo 2 - Setswana 1970


Go senya Jerusalema ke tiro ya bogale jwa Morena

1 Ijoo! Morena o ne a khurumetsa morwadia Sione ka leru la bogale jwa gagwe. Kgalalelo ya Baiseraele o e folositse kwa legodimong, a e latlhela fatshe; a sa gakologelwe sebeo sa dinao tsa gagwe ka letsatsi la bogale jwa gagwe.

2 Meago yotlhe ya Jakobe, Morena o e sentse, a se ka a e rekegela. Dikago tsa phemelo tsa morwadia Juta a di rutla ka bogale jwa gagwe. Bogosi jwa gagwe le dikgosana tsa gagwe a di digela fa fatshe le go di tlhapatsa.

3 Lonaka longwe le longwe lwa Baiseraele o lo kgaotse ka bogale jo bo tukang; letsogo le le jang la gagwe a le gonyetsa; mmaba a tla, a senya mo Jakobe jaaka kgabo ya molelo o o nyeletsang tikologong ya ona.

4 A gagamatsa bora jwa gagwe jaaka mmaba, a re ke hula jaaka sera ka letsogo le le jang; a bolaya tsotlhe tse dintle go lejwa, a goromeletsa bogale jwa gagwe jaaka molelo mo tenteng ya morwadia Sione.

5 Morena o ne a tshwana le mmaba, a metsa Iseraele, a mo senyetsa matlo otlhe a borena, dikago tsa phemelo tsa gagwe a di senya. Mo go morwadia Juta a ntsifatsa go lela le go goa.

6 A ithutlela moago jaaka logora lwa tshimo, a itshenyetsa felo ga meletlo; malatsi a meletlo le Sabata, Morena a a lebatsa mo Sione; kgosi le moperesiti, a ba latlha a gaketse bogaleng jwa gagwe.

7 Morena o latlhile aletare ya gagwe, a nyatsa Ntlo e e Boitshepo ya gagwe; dipota tsa matlo a borena a Sione a di neela diatleng tsa baba ba ba neng ba tlhodia mo Ntlong ya Morena jaaka ka letsatsi la moletlo.

8 Morena o dirafaditse maikaelelo a gagwe ka go senya lobota lwa morwadia Sione; mogala o o lekanyang a o gagamatsa, a sa thibele letsogo la gagwe go nyeletsa; kago ya batlhodi le lobota a di lelisa, tsa hutsafala mmogo.

9 Dikgoro tsa Sione di rorometse leroleng; o sentse phemelo ya gagwe, a e thubaganya; kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di kwa ditšhabeng, kwa thuto e seng teng. Le baporofeti ba gagwe ga ba bone pono epe e e tswang mo Moreneng.

10 Bagolo ba morwadia Sione ba ntse fa fatshe mo tidimalong; ba itshetse lorole mo ditlhogong, ba apere dikgetse tsa boikwatlhao. Makgarebe a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa ona fa fatshe.

11 Matlho a me a thibilwe ke dikeledi, mo teng ga me go a huduega. Ke phatlogile pelo ka ntlha ya go thubakanngwa ga morwadia morafe wa me; le ka go timelela ga bana le masea mo dipatlelong tsa motse.

12 Ba lelela mo go bommaabo ba re: “Bogobe bo kae le dino di kae?” fa ba idibala jaaka ba ba khutlegileng lwa go swa mo dipatlelong tsa motse; fa ba ntsha dilelo tsa bone mo dihubeng tsa bommaabo.

13 Nka go supetsa eng? Nka go tshwantshanya le eng, wena morwadia Jerusalema? Nka go bapisa le eng, fa ke re ke a go gomotsa, wena lekgarebe, morwadia Sione? Gonne tatlhego ya gago e kana ka lewatle. Yo o ka go fodisang ke mang?

14 Baporofeti ba gago ba go rutile maaka a boithamako; ba sa go supetse maleo a gago le e seng go faposa botshwaro jwa gago; ba go rerela ditaelo tsa Modimo tse e seng tsona, mme e le tse di isang mo tatlhegong.

15 Botlhe ba ba fetang mo tseleng ba opa diatla ka ntlha ya gago; ba letsa melodi, ba thikhitha ditlhogo, ba sotla morwadia Jerusalema ba re: “A ke ona motse o ba reng: ‘O montlentle thata, ke boitumelo jwa lefatshe lotlhe’?”

16 Baba botlhe ba gago ba go atlhamela boikgantshong; ba a sotla, ba phuranya meno ba re: “Re mo nyeleditse! Kana ke lone letsatsi le re neng re le tlhologeletswe, ke leo, re le fitlhetse, ra le bona.”

17 Morena o dirile tse o neng a di akantse, a dirafatsa tse a neng a di buile, tse a di laotseng go tswa metlheng ya kgale: A rutla, a sa rekegele; a thabisa baba bakeng la gago, a godisa lonaka lwa ba ba go tlhoileng.

18 Tlhatlosa lentswe, tlhaeleletsa Moreneng, wena lekgarebe, morwadia Sione! A matlho a gago a ele dikeledi jaaka nokana bosigo le motshegare! Se iphe boikhutso, a thaka ya leitlho la gago e se ka ya khutla!

19 Tsoga o goe bosigo, ka tshimologo ya ditiso tsa bosigo! Tsholola tsa pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga Morena! Tsholeletsa diatla kwa go ene ka ntlha ya bophelo jwa bana ba gago ba ba tsibikelang ka tlala mo dikhutlong tsa mebila tsotlhe.

20 Leba, Morena, o bone! Ke bomang ba o kileng wa ba direla jaana? A basadi ba ka ja maungo a mebele ya bone, e leng bana ba bannye ba ba farwang? A go ka bolawa baperesiti le baporofeti mo felong ga boitshepo ga Morena?

21 Ba namaletse fatshe mebileng basimane le banna bagolo. Makgarebe a me le makau a me a ole ka tšhaka. O ba bolaile ka letsatsi la bogale jwa gago, wa ba tlhaba, o sa ba tlhomogele pelo.

22 E kete o ba bileditse moletlong ba metsana e mengwe mo tikologong ya me. Mme ya re ka letsatsi la bogale jwa Morena ga tlhokwa yo o falolang le yo o phologang. Ba ke ba farileng, ka ba godisa, mmaba wa me o ba nyeleditse.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan