Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 8 - Setswana 1970


Poko ya botlhale

1 A botlhale ga bo kue? A tlhaloganyo ga e tlhatlose lentswe la yona?

2 Bo eme mo mebotong e e okameng tsela le mo makgabaganong a ditselana.

3 Bo kua fa thoko ga dikgoro tsa motse; fa pele ga dikgorwana bo kuela godimo bo re:

4 “Heelang banna! Ke bitsa lona; lentswe la me le raya lona bana ba batho.

5 Lona ba lo sa tlhalefang ithuteng botlhale; lona masilo, ithuteng tlhaloganyo!

6 Utlwang, gonne ke tla bolela dikgang tota, ke tumolola molomo go bua tse di siameng.

7 Ee, magalapa a me a bua nnete, mme dipuo tsa boikepo ke maila mo go nna.

8 Mafoko otlhe a molomo wa me a siame; ga go na bolotsana le fa e le tshokamo mo go ona.

9 A utlwala sentle fela otlhe mo go yo o a tlhaloganyang; yo o bonyeng kitso a re: Ke a nnete.

10 Amogelang kgalemelo ya me, mme e seng selefera; le kitso bogolo go gouta e e tlhaotsweng.

11 Gonne botlhale bo molemo bogolo go dibaga tsa korale; dilo tse dintle tsotlhe ga di lekane najo.

12 Nna Botlhale ke tlwaelanye le Tlhaloganyo; kitso le kelelelo ke na natso.

13 Go boifa Morena ke go ila bosula. Ke tlhoile boikgogomoso le boikgodiso le tsamao e e bosula le molomo o o bolotsana.

14 Kgakololo le botswerere di mo go nna; ke na le kutlwisiso le thata.

15 Dikgosi di busa ka nna; beng ba thata ba baya melao e e siameng ka nna.

16 Dikgosana di laola ka nna, le batlotlegi le baatlhodi botlhe ba lefatshe.

17 Ke rata ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tla mpona.

18 Khumo le tlotlo di mo go nna le leruo le le tlhomameng le tshiamo.

19 Leungo la me le gaisa gouta, ee, gouta e e itshekileng; se ke se ruisang motho se phala selefera e e tlhaotsweng.

20 Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, ke tsamaya ditselana tsa molao fa gare

21 gore ke jese banthati boswa jo bo tlhomameng, ke ba tlaletse matlo a mahumo.

22 Morena o ntirile mo tshimologong ya ditsela tsa gagwe, ka nna wa ntlha wa ditiro tsa gagwe bogologolo.

23 Ke sa le ke tlholwa kgale mo tshimologong pele ga metlha ya lefatshe.

24 E rile go se na mawatle, go se na metswedi e e tletseng metsi, ka tsalwa.

25 Ya re dithaba di ise di theiwe, dithota di ise di nne teng, ka tsalwa.

26 Ke fa Morena a ise a dire lefatshe le dinaga le fa e le tshimologo ya mebu ya lefatshe.

27 Ya re a ala legodimo, ka bo ke le gona; ya re a tlhoma tikologo ya loapi mo godimo ga mawatle

28 ya re a bofelela maru kwa godimo, ya re a tswedisa metswedi ya mawatle thata,

29 ya re a beela lewatle molelwane wa lone gore metsi a se ka a tlola taolo ya gagwe ya re a baya metheo ya lefatshe,

30 ka bo ke na nae ke le ngwana ka itumela ka letsatsi le letsatsi, ka nna ka tshameka fa pele ga gagwe ka metlha yotlhe.

31 Ka tshanoka mo tikologong ya lefatshe la gagwe, ka itumelela baba ba batho.

32 Ka moo he, nkutlweng, bomorwaaka; go tlhogonolo ba ba sepelang mo ditseleng tsa me.

33 Utlwang thuto, lo tlhalefe; lo se ka lwa e tlhokomologa.

34 Go sego motho yo o nkutlwang, a leta fa dikgorong tsa me ka malatsi otlhe, a disa mepakwana ya mejako ya me.

35 Gonne yo o mponang o bona bophelo, a itumelelwa ke Morena.

36 Mme yo o mphosang o a itshenyetsa ka esi; botlhe ba ba ntlhoileng ba rata loso.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan