Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 7 - Setswana 1970


Mosadi wa boaka

1 Ngwanaka, se lebale mafoko a me; ipolokele ditaolo tsa me.

2 Tshegetsa ditaolo tsa me, foo o tla phela, le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.

3 Di bofelele mo menwaneng ya gago, o di kwale mo letlapeng la pelo ya gago.

4 Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” bitsa tlhaloganyo wa ga eno

5 gore di go fapose mosadi o sele yo e seng wa gago, wa mafoko a a borethe.


Mosadi wa boaka

6 Gonne nkile ka okomela ka fenstere le ka phatlha ya lobota,

7 ka bona lekau mo go ba ba sa tlhalefang; ka lemoga lesilo mo makolwaneng

8 le feta le mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yole, le tsamaya mo tseleng e e fetang fa ntlong ya gagwe,

9 ka lotlatlana, ka maabanyane, ka nako ya bosigo le lefifi.

10 Bonang, ke fa mosadi yole a le kgatlhantsha, a apere diaparo tsa boaka, a le pelo e bolotsana;

11 a ipapatsa, a itaola; dinao tsa gagwe tsa tlhoka boikhutso mo ntlong ya gagwe.

12 Jaanong o mo mmileng, kgantele o mo dipatlelong, o lalela mo dikhutlong tsotlhe.

13 Sule! O tshwere lekau lele, o a le atla; o bolela le lone, a se na ditlhong, a re:

14 “Ke ne ke tlamegile go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo; kajeno ke dirafaditse maikano a me.

15 Ke ka moo ke duleng go go kgatlhantsha le go go batla, mme jaanong ke go bonye.

16 Ke adile bolao jwa me ka dikobo le ka masela a a mebalabala a mantle a Egepeto.

17 Ke gasitse marobalo a me ka mera le mekgwapha le kinamone tse di nkgang monate.

18 Tlaya, a re tlhapelwe ka lorato go fitlha mosong, a re thabisanye ka go ratana!

19 Gonne monna wa me ga a yo mo gae, o ile leetong le leleele.

20 Sekgwama sa madi o se tshotse; o tla boela kwano gae ka letsatsi le ngwedi o tlalang ka lone.”

21 A le raela jalo, a le kgona ka mafoko a mantsi a gagwe le ka borethe jwa loleme lwa gagwe.

22 La mo sala morago ka pele jaaka pholo e isiwa go tlhajwa, jaaka lesilo, fa le golegilwe go ya go otliwa;

23 go fitlhelela motswi o le phololele sebete; jaaka nonyane e itlhaganela go tsena mo serung e sa itse, fa e ya go bolawa.

24 Ka moo he, lona banaka, nkutlweng lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.

25 A pelo ya gago e se ka ya fapogela mo tseleng ya mosadi yoo, ngwanaka, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.

26 Gonne ba ba bolailweng ba o ba digileng ba bantsi; botlhe ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.

27 Ntlo ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa felong ga baswi, ke tsa go fologela kwa matlwaneng a loso.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan