Liane 6 - Setswana 1970Ditlhagiso tse dingwe 1 Ngwanaka, fa o ipofile wa re, ke tla lefa molato wa mongwe-ka-nna; fa o ipofile ka go neelana diatla le moeng, 2 fa o itlamile ka mafoko a molomo wa gago; fa o tshwerwe ka dipolelo tsa molomo wa gago, 3 dira jaana, ngwanaka gore o ikgolole, gonne o wetse mo diatleng tsa mongwe-ka-wena: Yaa o ikokobetse, o kokotlele mongwe-ka-wena thata! 4 Tima matlho a gago boroko, se dumelele dintshi tsa gago go otsela. 5 O falole jaaka phudufudu mo seatleng sa motsomi le jaaka nonyane mo seatleng sa mothaisi wa yona. 6 Motlapa, yaa kwa tshoswaneng, o bone mekgwa ya yona, o tlhalefe! 7 Le fa e se na kgosana le e seng mokwaledi gongwe molaodi, 8 e etleetsa dijo tsa yona selemo, e kgobokanya dijo tsa yona fa go kotulwa. 9 Wena setshwakga, o tla robala go fitlha leng? O tla tsoga leng mo borokong? 10 O a re: “Ke ya go robala go le gonnye, ke otsela go le gonnye, ke phutha diatla go le gonnye go ikhutsa.” 11 Mme khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani. 12 Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe. 13 O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana, 14 a loge maano a bolotsana mo pelong ya gagwe a a bosula ka metlha yotlhe, a lotlhanye batho. 15 Ene yoo tatlhego e tla mo wela ka tshoganyetso, o tla pšhwetlwa ka ponyo ya leitlho, go se na se se ka mo thusang. 16 Dilo di le thataro Morena o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene: 17 Ke matlho a boikgantsho le loleme lwa maaka le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato 18 le pelo e e logang maano a bolotsana le maoto a a itlhaganelelang kwa bosuleng 19 le mosupi wa kako yo o bolelang maaka le yo o losang bana ba motho. Tlhagiso ka ga boaka 20 Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago. 21 Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago. 22 A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya. 23 Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo 24 gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe. 25 Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe. 26 Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang. 27 A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe? 28 Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao? 29 Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong. 30 Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala. 31 Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone. 32 Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo. 33 O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng. 34 Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa, ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso; 35 ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa