Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 5 - Setswana 1970


Se senye nyalo!

1 Ngwanaka, botlhale jwa me o bo ele tlhoko; tlhaloganyo ya me o e sekegele tsebe

2 gore o boloke kelelelo, mme molomo wa gago o boloke kitso.

3 Gonne molomo wa mosadi o sele o rothisa mafura a dinotshe; magalapa a gagwe a borethe bogolo go lookwane.

4 Mme la bofelo o galaka jaaka longana; o bogale jaaka tšhaka e e magale-mabedi.

5 Maoto a gagwe a fologela kwa losong; dikgato tsa gagwe di ntse di atamela felo ga baswi.

6 Ditselana tsa gagwe ke tsa go kgarakgatshega a sa itse gore a se ka a tlhamalela mo tseleng ya bophelo.

7 Mme jaanong, banaka, nkutlweng; se tlogeleng mafoko a molomo wa me!

8 A tsela ya gago e nne kgakala nae; se atamele mojako wa ntlo ya gagwe.

9 E se re gongwe wa naya ba bangwe thata ya bošwa jwa gago, le e seng go naya mosadi yo o setlhogo dinyaga tsa gago,

10 e se re gongwe ba bangwe ba kgora ka thata ya gago le ka tse o di bonyeng ka matsapa, tsa ya mo ntlong ya motho o sele.

11 E se re gongwe mo bokhutlong jwa gago, fa go fela mmele wa gago le nama ya gago, o a fegelwa,

12 o a re: “Joo nna wee! Ke ne ke reng, fa ke ila thuto; fa pelo ya me e nyatsa kgalemelo,

13 fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe!

14 Ke batlile go wela gotlhe mo tatlhegong, ke le mo gare ga batho le phuthego!”

15 Nnyaya! Nwaa metsi a sediba sa gago, a a tswelang mo motsweding wa gago.

16 A o a re, metswedi ya gago e tshologele kwa ntle; dinokana tsa metsi tsa gago di ele mo dipatlelong?

17 Nnyaya! A e nne tsa gago o le nosi, e seng tsa ba bangwe nao!

18 A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi.

19 O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe.

20 Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago?

21 Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe.

22 Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe.

23 O tla swa ka go sa rutega, a latlhega ka bosilo jo bogolo jwa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan