Liane 30 - Setswana 1970Diane tsa ga Agure 1 Mafoko a ga Agure morwa Jake wa ga Masa. Monna yo o a re: “Ke itapiseditse Modimo; ke itapiseditse Modimo. Ke feletswe. 2 Gonne ke seeleele sa phologolo, ga ke motho; ga ke na tlhaloganyo ya motho. 3 Ga ke a ithuta botlhale; ene Moitshepi ga ke na kitso ya go mo itse. 4 Go tlhatlogetse mang kwa legodimong a ba a boa? Ke mang yo o huparetseng phefo ka diatla tsa gagwe? Ke mang yo o bofeletseng metsi mo kobong? Ke mang yo o tlhomamisitseng dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe? Leina la gagwe ke mang? Leina la Morwawe ke mang? Nkarabe, fa o itse tseo.” 5 Mafoko otlhe a Modimo a itshekisitswe; ona Modimo ke thebe ya ba ba batlang botshabelo mo go ona. 6 Se oketse mafoko a ona, e se re gongwe wa go otla, mme wa fitlhelwa o le moaki. Diane tse dingwe 7 Ke kopa dilo di le pedi mo go wena; se nkganele ka tsona ke ise ke swe: 8 Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Se mphe lehuma le e seng lehumo. Mphe dijo tse di ntekanyeng, 9 e se re gongwe ka kgora, ka go itatola ka re: “Morena ke mang?” E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo wa me. 10 Se sebe motlhanka mo go mongwagwe, e se re gongwe a go roga, mme wa nna molato. 11 Go na le batho bangwe ba ba rogang borraabo, ba ba sa tshegofatseng bommaabo; 12 ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone. 13 Batho bao – matlho a bona a ikgantsha jang ne! Dintshi tsa matlho a bona di supa boikgodiso jang ne! 14 Batho bao – meno a bona ke ditšhaka, meno a ditlhaya tsa bona ke dithipa, ba ja babogisegi mo lefatsheng le go tlosa bahumanegi mo bathong. 15 Kgofa e na le bomorwadia-yona ba le babedi ba ba reng: “Mphe! Mphe!” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng; ee, di le nne tse di sa reng: “Go ntse!” 16 Ke felo ga baswi le moopa le lefatshe le le sa kgoreng metsi le molelo o o sa reng: “Go lekanye.” 17 Leitlho le le sotlang rraalo, le le nyatsang go utlwa mmaalo, magakabe a molatswana a tla le gonya, manongnyana a tla le ja. 18 Go dilo di le tharo tse di mpalelang; ee, di le nne tse ke sa di itseng. 19 Ke tsela ya lenong kwa loaping, le tsela ya noga mo lefikeng, le tsela ya mokoro mo lewatleng, le tsela ya monna yo o nang le mosadi yo mošwa. 20 Tsela ya mosadi yo o senyang nyalo e ntse jaana: Fa a jele, o iphimola molomo a re: “Ga ke a dira molato.” 21 Lefatshe le roroma ka dilo di le tharo; ee, le palelwa ke go itshokela dilo di le nne: 22 Ke motlhanka, fa a nna kgosi; le seeleele, fa se kgora dijo; 23 le lefetwa, fa le nyalwa; le lelata, fa le leleka mohumagadi wa lone. 24 Dilo di le nne di dinnye mo lefatsheng, mme di botlhale thata, ke tse: 25 Ditshoswane ke morafe o o seng thata, mme di tle di baakanye dijo tsa tsona selemo; 26 dipela ke morafe o o sa tiang, mme di tle di ikagele matlo mo mafikeng; 27 tsie ga e na kgosi, mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo; 28 mokgantitswane ò ka o tshwara ka diatla, mme o mo matlong a dikgosi. 29 Go dilo di le tharo tse di gwantang sentle, ee, dilo di le nne tse di tsamao e ntle, ke tse: 30 Tau ke mogale mo gare ga dibata; ga e tshabe sepe; 31 mokoko o gwanta mo gare ga dikgogo; le phoko e etelela letsomane pele; le kgosi e bolotsa mephato ya yona. 32 Fa o dirile bosilo ka go ikgodisa, gongwe fa o logile maano a a bosula baya seatla mo molomong! 33 Gonne go fetlha lobebe go ntsha serethe; go pitla dinko go ntsha madi; go tlhotlheletsa bogale go tsosa tlhabano. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa