Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 3 - Setswana 1970


Makau a kaelwa

1 Morwaaka, se lebale thuto ya me; a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me!

2 Gonne di tla go okeletsa bontsi jwa malatsi le dinyaga tsa bophelo le kagiso.

3 A lorato le boammaaruri di se go tlogele, di apare mo molaleng wa gago, o di kwale mo pelong ya gago jaaka mo letlapeng.

4 Foo o tla bona bopelonomi le botlhale jo bo molemo tse di kgatlhang Modimo le batho.

5 Ikanye Morena ka pelo yotlhe, mme o se ikaege ka tlhaloganyo ya gago.

6 Mo gopole mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla siamisa ditselana tsa gago.

7 Se ikae yo o botlhale ka wesi, mme o boife Morena, o ile bosula.

8 Go dira jalo go tla fodisa mmele wa gago, go lapolosa marapo a gago.

9 Tlotla Morena ka dineo tsa khumo ya gago le tsa letlhafula la kotulo yotlhe ya gago.

10 Foo difala tsa gago di tla tlala letlotlo; digatelo tsa gago di tla tshologa matute a moweine.

11 Morwaaka, se nyatse kotlo ya Morena; le gona o se kgopisiwe ke kgalemelo ya gagwe.

12 Gonne Morena o a tle a otle yo a mo ratang, jaaka rraagwe motho a betsa ngwana yo o mo kgatlhang.

13 Go tlhogonolo motho yo o bonyeng botlhale le monna yo o bonang tlhaloganyo.

14 Go bo bona go gaisa go bona selefera; go nna najo go phala gouta.

15 Bo na le tlhwatlhwa e kgolo bogolo go dibaga tsa korale. Dilo tse dintle tsotlhe ga di lekane najo.

16 Boleele jwa bophelo bo mo seatleng sa jona se se jang; mo go sa molema sa jona go na le khumo le tlotlo.

17 Ditsela tsa jona ke ditsela tse dintle; ditselana tsotlhe tsa jona ke tsa kagiso.

18 Botlhale ke setlhare sa bophelo mo go ba ba bo tshwereng; ba ba itshwarelelang ka jona ba tlhogonolo.

19 Morena o theile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa legodimo ka tlhaloganyo.

20 Ke ka kitso ya gagwe, fa madiba a tswela, fa maru a rothisa monyo.

21 Morwaaka, boloka kelelelo le kakanyo; a di se tloge mo matlhong a gago!

22 Tsona di tla phedisa mowa wa gago; tsona e tla nna mokgabo o montle mo molaleng wa gago.

23 Foo ò tla tsamaya mo tseleng ya gago ò iketlile; leoto la gago ga le ne le kgotšwa.

24 Fa o ya go robala ga o ka ke wa boifa. Fa o robetse, boroko jwa gago bo tla nna monate.

25 Ga o na go boifa poitshego ya tshoganyetso, le fa e le tatlhego ya baikepi, fa e tla.

26 Gonne ke Morena yo ò mo ikanyang; o tla disa leoto la gago gore le se tshwarwe.

27 Se time ba ba tshwanetsweng ke tse di molemo, fa go le mo thateng ya gago go ba thusa.

28 Se ree mongwe-ka-wena o a re: “Tsamaya o tla boa! Ke tla se go naya kamoso!” etswe o na naso.

29 Se logele mongwe-ka-wena maano a a bosula a ntse a agile nao a go ikantse.

30 O se ka wa seka le motho kwa ntle ga lebaka, fa a sa go direla bosula bope!

31 Se fufegele monna yo o dirang ka tshiamololo, se itlhophele tsela epe ya ditsela tsa gagwe!

32 Gonne Morena o tenwa ke yo o kgopo, mme o kopana le ba nnete.

33 Morena o rogaka ntlo ya moikepi, mme lelapa la basiami o a le tshegofatsa.

34 Ba e leng basotli o tla ba sotla; mme ba ba ikokobetsang o tla ba tlhomogela pelo.

35 Boswa jwa ba ba botlhale ke tlotlo, mme masilo a tla sala le ditlhong.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan