Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 29 - Setswana 1970

1 Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso.

2 Fa basiami ba ntsifala, morafe o a itumela; fa baikepi ba busa, morafe o a fegelwa.

3 Monna yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe; mme yo o kopanang le diaka o fetsa dithoto tsa gagwe.

4 Kgosi e phedisa lefatshe sentle ka tshiamo, mme yo o kgethisang batho go feta tekanyo o a le tubaka.

5 Monna yo o buang mafoko a a borethe le mongwe-ka-ene o ngamolela dinao tsa gagwe serai.

6 Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile.

7 Mosiami o itse tse di tshwanetseng ba babotlana, mme moikepi ga a di lemoge, ga a di itse.

8 Basotli ba tsosa moferefere mo motseng, mme ba ba botlhale ba tima bogale.

9 Fa motlhalefi a seka le lesilo, le tla tlhodia le tshega, mme go se na boikhutso.

10 Banna ba ba tshololang madi ba tlhoa mmoifi-Modimo; ba batla go bolaya ba e leng ba nnete.

11 Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago.

12 Mmusi yo o utlwelelang mafoko a maaka, badiredi ba gagwe ke baikepi fela.

13 Mohumanegi le mogateledi ba a kgatlhana; Morena o sedimosa matlho a bobedi jwa bone.

14 Kgosi e e direlang ba babotlana tse di ba tshwanetseng ka boikanyo, sedulo sa yona sa bogosi se tla tlhomama ka bosakhutleng.

15 Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong.

16 Fa baikepi ba ntsifala, go ntsifala maleo, mme basiami ba tla bona tatlhego ya bone, ba itumela.

17 Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo.

18 Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao.

19 Motlhanka ga a siamisiwe ka mafoko; le fa a a tlhaloganya, ga a a kgathalale.

20 Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.

21 Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe.

22 Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi.

23 Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.

24 Yo o jang le legodu o a itlhoa; o utlwa go rogakwa yo o sa begeng legodu, mme ga a le bege.

25 Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa.

26 Ba bantsi ba batla sefatlhego sa mmusi, mme tshiamelo ya motho e tswa mo Moreneng.

27 Yo o dirang ka tshiamololo o ilwa ke basiami; wa tsamao ya nnete o ilwa ke moikepi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan