Liane 28 - Setswana 19701 Baikepi ba a tshaba, le fa go se na ope yo o ba lateletseng, mme basiami ba pelokgale jaaka tawana. 2 Dikgosi tsa morafe di latelana ka pele ka ntlha ya maleo a ona, mme tshiamo e tlhomama ka batho ba ba nang le tlhaloganyo le kitso. 3 Monna yo e leng tlhogo, yo o gatelelang ba babotlana, o tshwana le pula e e gogolang fela e e sa tsiseng dijo. 4 Ba ba tlogelang molao ba boka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba a ba galefela. 5 Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamo, mme ba ba batlang Morena ba tlhaloganya tsotlhe. 6 Mohumanegi yo o sepelang ka poifo-Modimo o molemo bogolo go mohumi yo o sokameng, ka a le tsela-pedi. 7 Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o tlhalefileng, mme yo o tsalanang le difafalele o tlhabisa rraagwe ditlhong. 8 Yo o kokotletsang di-tsa-gagwe ka tsadiso ya madi gongwe ka kgwebo o phuthela yo o tla tlhomogelang batlhoki pelo. 9 Yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa molao, thapelo ya gagwe le yona ke maila. 10 Yo o faposetsang ba nnete kwa tseleng e e bosula o tla wela mo lemeneng la gagwe ka esi, mme ba ba tletseng tumelo ba tla ja boswa jwa tse di molemo. 11 Monna yo o humileng o itshema letlhale; mme modidi yo o nang le tlhaloganyo o a mo lemoga. 12 Fa basiami ba duduetsa, ke kgalalelo e kgolo; mme fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlha. 13 Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo. 14 Go sego motho yo o boifang Modimo ka gale, mme yo o thatafatsang pelo ya gagwe o tla wela mo tatlhegong. 15 Moikepi yo o busang batho ba babotlana ke tau e e bôpang le bere e e tsomang. 16 Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele. 17 Motho yo o imelwang ke molato wa go bolaya motho o tla nna motshabi go fitlha lebitleng; se mo thuseng. 18 Yo o sepelang ka poifo-Modimo o tla phologa, mme yo o sokameng, a le tsela-pedi o tla wela mo gopong. 19 Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe, mme yo o latelang tse di se nang mosola o tla bona khumanego fela. 20 Monna yo o ikanyegang o tla bona ditshegofatso tse dikgolo, mme yo o potlakelang go huma ga a nke a tlhoka kotlo. 21 Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela. 22 Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela. 23 Yo o kgalemelelang motho boleo o tla ratwa morago bogolo go motho wa loleme lo lo borethe. 24 Yo o thukhuthang rraagwe gongwe mmaagwe, mme a re: “Ga se boleo!” ke ene molekane wa mosenyi. 25 Yo o pelotshetlha o tsosa dintwa, mme yo o ikanyang Morena o tla lapolosiwa. 26 Yo o ikanyang tlhaloganyo ya gagwe ke seeleele, mme yo o sepelang ka botlhale o tla phologa. 27 Yo o abelang mohumanegi ga a kitla a tlhoka sepe, mme yo o ipipang matlho o tla rogakwa gantsi. 28 Fa baikepi ba tsoga, batho ba a iphitlha; mme fa ba latlhega, basiami ba a ntsifala. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa