Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 26 - Setswana 1970

1 Tlotlo e rona lesilo jaaka semathana se rona mo selemong le jaaka pula e rona mo kotulong.

2 Thogako e e se nang lebaka ga e kitla e dirafala; e tshwana le thaga e e timelang le peolwane e e fofang e tloga.

3 Seme se lebanye pitse le mogala esele, le thupa metlhana ya dieleele.

4 Se arabe lesilo ka fa bosilong jwa lone, e se re gongwe le wena wa tshwana nalo.

5 Mme fetola lesilo tse di tshwanetseng bosilo jwa lone gore le se ka la itshema letlhale.

6 Yo o romelang mafoko ka lesilo o ikgaola maoto, o a siamololelwa.

7 Seane mo melomong ya masilo se tshwana le maoto a segole a a repileng.

8 Yo o tlotlang lesilo o tshwana le yo o bofelelang letlapa mo go seragamajwe.

9 Seane melomong ya masilo ke letlhaku la mitlwa mo seatleng sa letagwa.

10 Yo o rapang lesilo le bafeti ke mohudi yo o ntshang botlhe dintho.

11 Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona.

12 Fa o bona monna yo o ikayang botlhale, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.

13 Setshwakga se a re: “Ledumedi le mo tseleng; tau e mo dipatlelong.”

14 Motlapa o fetoga mo bolaong jwa ona jaaka setswalo se akgega mo mapegong a sona.

15 Motlapa o tsenya seatla sa ona mo mogopong; mme go se isa kwa molomong go a o palela.

16 Sebodu se itshema letlhale bogolo go banna ba supa ba ba itseng go araba sentle.

17 Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntšwa e e fetang ka ditsebe.

18 Setsenwa se hula dirumola le metswi e e bolayang.

19 Monna yo o tsietsang mongwe-ka-ene o ipata ka go re: “Kana ke tshameka fela,” o tshwana naso.

20 Molelo o a tima, fa dikgong di fedile; phapaang e a khutla, fa go se na molotlhanyi.

21 Monna wa phapaang o tsosa ntwa jaaka moubo o tukisa magala le dikgong di tukisa molelo.

22 Mafoko a yo o senyang leina a tshwana le dijo tse di monate tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.

23 Fa molomo o tuka lorato, mme pelo e ntse e le mpe, ke lobeana fela lo lo manegilweng manyela a selefera.

24 Motlhoi o itira morati ka molomo wa gagwe, mme o na le tsietso ka kwa teng.

25 Fa a utlwatsa lentswe la lorato, se mo ikanye; gonne o na le bosupa jwa makgapha mo pelong ya gagwe.

26 Le fa letlhoo le ka iphitlha ka tsietso, bosula jwa lone bo tla bonala mo phuthegong.

27 Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o kgokolosang lefika o tla bolawa ke lone.

28 Molomo wa maaka o tlhoa ba o ba pšhwetlileng; loleme lo lo borethe lo isa mo tatlhegong.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan