Liane 25 - Setswana 1970Diane tse dingwe tsa ga Salomo 1 Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa ga Salomo; di kgobokantswe ke banna ba ga Hesekia kgosi ya Juta. 2 Ke tlotlo ya Modimo go loba mafoko; ke tlotlo ya dikgosi go tlhotlhomisa mafoko go a senola. 3 Bogodimo jwa legodimo le boteng jwa lefatshe le dipelo tsa dikgosi ga di ka ke tsa tlhotlhomisiwa. 4 Fa manyela a okolwa mo selefereng, sebopiwa sa mogakolosi se tla tswa sentle: 5 A moikepi a tlosiwe jalo fa pele ga kgosi; foo sedulo sa bogosi sa yona se tla tlhomamisiwa ka tshiamo. 6 Se ipoke fa pele ga kgosi; se eme mo maemong a ba bagolo! 7 Gonne go bolelelwa go twe: “Tlhatlogela kwano!” go phala go kokobediwa fa pele ga motlotlegi yo ò mmonang ka matlho a gago. 8 Ò se ka wa potlaka go ya go seka, e se re gongwe morago ga moo wa tlhoka go itse se ò ka se dirang, fa mongwe-ka-wena a go tlhabisa ditlhong. 9 Seka kgang ya gago le mongwe-ka-wena, mme ò se ka wa senola sephiri sa yo mongwe, 10 e se re gongwe ba ba utlwang jalo ba go kgoba, mme nyatsego ya gago ya se ka ya khutla. 11 Lefoko le le buiwang ka nako ya lone le tshwana le dinamune tsa gouta tse di mo megopong ya selefera. 12 Mokgalemi yo o botlhale mo tsebeng ya yo o utlwang ke lenyena la gouta le mokgabo wa gouta e e sa pekwang. 13 Morongwi yo o ikanyegang o tshwana le maruru a semathana mo bolelong jwa kotulo mo go ba ba mo romileng; gonne o lapolosa mowa wa morena wa gagwe. 14 Monna yo o ipokang ka dineo, mme a sa di ntshe, o tshwana le maru le phefo tse di sa neseng pula. 15 Kgosi e e bogale e kgonwa ka bopelotelele; loleme lo lo bonolo lo roba marapo. 16 Fa ò bonye mafura a dinotshe, ò je a a go lekanyeng fela, e se re gongwe a go tena, mme wa a tlhatsa. 17 Ò se ka wa ya gantsi kwa ntlong ya mongwe-ka-wena, e se re gongwe wa mo tena, mme a go tlhoa. 18 Monna yo o supang maaka ka ga mongwe-ka-ene ke molamu le tšhaka le motswi o o bogale. 19 Go ikanya molotsana ka letsatsi la tlalelo ke go ikanya leino le le bodileng le lekoto le le relelang. 20 Go opelela yo o pelo-e-botlhoko difela go tshwana le go apola diaparo ka letsatsi le le maruru le go tshela se se botlhoko mo dinthong. 21 Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fe dijo; fa a nyorilwe, mo nose metsi. 22 Gonne o tla bo o tlhatlaganya magala mo tlhogong ya gagwe, mme Morena o tla go duela. 23 Phefo ya bokone e tlisa pula; loleme lo lo sebang lo ngadisa difatlhego. 24 Go nna mo sekhutlong mo godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang. 25 Mafoko a a molemo a a tswang mo lefatsheng le le kgakala ke metsi a a maruru mo go yo o nyorilweng. 26 Mosiami yo o fenngwang ke moikepi ke motswedi o o gatakilweng, ke sediba se se kgoberegileng. 27 Go ja mafura a dinotshe thata ga go molemo; go tlhotlhomisa tse di thata go isa mo bothateng. 28 Monna yo o sa itseng go itshwara ke motse o o phuntsweng lobota. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa