Liane 24 - Setswana 19701 Se fufegele dilo tsa ba ba bosula; se eletse go tshwana nabo. 2 Gonne dipelo tsa bone di akanya kgatelelo; melomo ya bone e bua tse di isang mo tatlhegong. 3 Ntlo e agiwa ka botlhale; e thewa sentle ka maatlametlo, 4 mme ka kitso matlwana a yona a tlala dithoto tsa mefutafuta tse di tlhwatlhwa e kgolo le tse dintle. 5 Letlhale le thata bogolo go seganka; yo o nang le kitso o thata bogolo go yo o dikgoka. 6 Gonne ò tla itse go lwa ntwa ka dikgakololo tse di botlhale; phenyo e bonwa ka bontsi jwa bagakolodi. 7 Tsa botlhale di palela seeleele; mo lekgotleng se tlhoka puo. 8 Yo o logang maano a go dira bosula o tla bidiwa Rra-bolotsana. 9 Boleo ke maikaelelo a bosilo; mosotli o ilega mo bathong. 10 Fa o nyema moko ka letsatsi la tlalelo, thata ya gago e tla bo e se ya sepe. 11 Pholosa ba ba gogelwang losong! Thibela ba ba theekelelang go ya go bolawa. 12 Fa o ka re: “Ke ne ke sa itse,” ona o o bonang dipelo a ga o kitla o lemoga? Ona o o disang bophelo jwa gago o a itse. O direla motho ka fa tirong ya gagwe. 13 Morwaaka, jaa lomepe lwa dinotshe, gonne lo monate; mafura a dinotshe a botshe mo magalapeng a gago. 14 Itse gore botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago. Fa o bo bona, tswelelopele e tla nna teng, mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela. 15 Wena moikepi, se lalele lelapa la mosiami; se senye legae la gagwe. 16 Le fa mosiami a ka wa gasupa, o tla nna a tsoga gape; mme baikepi bone ba wela mo tatlhegong. 17 Fa mmaba wa gago a wa, se itumele; fa a digwa, a pelo ya gago e se duduetse, 18 e se re gongwe Morena a bona, mme ga nna bosula mo matlhong a gagwe, a busa bogale jwa gagwe mo go ene. 19 Se tukele basenyi bogale; se fufegele baikepi 20 gonne yo o bosula ga a tswelele pele; lesedi la baikepi le tla tima. 21 Morwaaka, boifa Morena le kgosi; se tlwaelane le dirukhutlhi. 22 Gonne tatlhego ya tsona e tla dirafala ka tshoganyetso, sebaka sa tshenyego ya tsona se itsiwe ke mang? Diane tse dingwe 23 Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa batlhalefi: Go gobelelela motho mo tshekong ga go a siama. 24 Yo o rayang moikepi a re: “O siame!” ene, batho ba tla mo rogaka, merafe e tla mo hutsa. 25 Go ratega ba ba mo atlholang ka tshiamo; lesego le letlhogonolo di tla ba dirafalela. 26 Yo o ntshang dikarabo tse di siameng o atla molomo. 27 Fetsa tiro ya gago e e kwa ntle, o leme tshimo ya gago; morago ga moo o ka aga ntlo ya gago. 28 Se pateletse mongwe-ka-wena ka bomo! A ò tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago? 29 Se re: “Ke tla mo direla se a se ntiretseng; ke busolosetsa monna ka fa tirong ya gagwe.” 30 Nkile ka feta kwa tshimong ya motlapa kwa tshimong ya moweine ya motho yo o se nang tlhaloganyo. 31 Ka fitlhela e tlhogile mefero gotlhe, e khurumeditswe ke mokolonyane, lorako lwa matlapa lwa yona lo digilwe. 32 Ka leba, ka ela tlhoko, ka bona, ka fitlhela e le thuto e e reng: 33 Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye, o phutha diatla go le gonnye go ikhutsa, 34 khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa