Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 23 - Setswana 1970

1 E re fa o nna fatshe go ja le mmusi, o gopole sentle yo o fa pele ga gago;

2 o itshware setho, le fa o le tlalakgolo.

3 Se eletse matlotlwa a a monate a gagwe; gonne ke dijo tse di tsietsang.

4 Se tshwenyegele go huma; tlogela maano a teng.

5 A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong.

6 Se je dijo tsa yo o lefufa; se eletse dijo tse di monate tsa gagwe.

7 Gonne o ntse jaaka a akanya mo pelong. Ka molomo o go raya a re: “Jaa, o nwe!” mme pelo ya gagwe yona ga e ree jalo.

8 Thathana e ò e jeleng ò tla e tlhatsa; mafoko a tebogo a gago ò tla bo ò a buetse lefela.

9 Se bue mo tsebeng ya seleele, gonne se tla nyatsa botlhale jwa mafoko a gago.

10 Se sutise molelwane wa bogologolo; se tseele masiela masimo a ona.

11 Gonne moemedi wa ona o thata; ene o tla a emela kgatlhanong le wena.

12 Neela pelo ya gago mo thutong le ditsebe tsa gago mo mafokong a kitso.

13 Se tlhokise mosimane kotlo; fa o mo itaya ka thupa ga a kitla a a swa.

14 Ka go mo itaya ka thupa o tla faposa bophelo jwa gagwe mo felong ga baswi.

15 Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefa, pelo ya me le yona e tla itumela.

16 Maikutlo a me a tla ipela, fa molomo wa gago o bua tse di siameng.

17 A pelo ya gago e se fufegele baleofi, mme a e tlhoafalele poifo-Morena ka metlha.

18 Gonne fa ò e boloka, tswelelopele e tla nna teng; mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela.

19 Wena morwaaka, reetsa ò tlhalefe! Tsamaisa pelo ya gago mo tseleng e e tlhamaletseng.

20 Se nne le banwi ba bojalwa ba ba megagaru mo go jeng nama.

21 Gonne monwi le moji ba tla humanega. Go se kgathale sepe go apesa motho dikata.

22 Utlwa rraago yo o go tsetseng; se nyatse mmaago, fa a sena go tsofala.

23 Reka boammaaruri, mme o se bo rekise; reka le botlhale le thuto le tlhaloganyo.

24 Rraagwe mosiami o ipela thata; motsadi wa letlhale o a le itumelela.

25 A go itumele rraago le mmaago; yo o go belegeng a a duduetse.

26 Morwaaka, nneele pelo ya gago! A matlho a gago a kgatlhwe ke ditsela tsa me!

27 Gonne seaka ke gopo e e boteng; mosadi wa seotswa ke sediba se se pitlaganyeng.

28 Le gona o lalela batho jaaka senokwane; o atisa bolotsana mo bathong.

29 Tatlhego ke ya ga mang? Tlalelo ke ya ga mang? Dintwa ke tsa ga mang? Selelo ke sa ga mang? Dintho tsa bomo ke tsa ga mang? Matlho a a leoto ke a ga mang?

30 Ke tsa ba ba lalang kwa bojalweng; ke tsa ba ba tlang go utlwa dino tse di tagang.

31 Se kgatlhwe ke bohibidu jwa weine, fa e phatsima mo senwelong! E nowa e le monate thata,

32 mme morago e loma jaaka noga; e go jwela ka botlhole jaaka kake.

33 Matlho a gago a tla bona dilo tse di seng gona; pelo ya gago e tla go buisa tse di sokameng.

34 O tla nna jaaka e kete o robetse mo gare ga lewatle le jaaka yo o robetseng mo godimo ga pinagare ya mokoro.

35 O re: “Ba ntiteile, ga ke a utlwa botlhoko; ba nkotlile, ga ke a lemoga. Ke tla tsoga leng ke tle ke e batle go nwa gape.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan