Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 22 - Setswana 1970

1 Leina le le molemo le phala khumo e kgolo; go ratwa go gaisa selefera le gouta.

2 Mohumi le mohumanegi ba a phedisanya; Morena o ba dirile botlhe.

3 E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong.

4 Tuelo ya boikokobetso le ya go boifa Morena ke khumo le tlotlo le bophelo.

5 Mitlwa le diru di mo tseleng ya yo o sokameng; yo o bolokang bophelo jwa gagwe o a di katoga.

6 Tlwaetsa mosimane tsamao e e mo tshwanetseng; foo ga a kitla a fapoga mo go yona, le fa a tsofetse.

7 Mohumi o laola bahumanegi; moadingwi ke motlhanka wa moadimi.

8 Yo o jwalang tshiamololo o tla roba tatlhego; thupa ya kgalefo ya gagwe e tla itaya ene.

9 Yo o matlho-a-lorato o tla tshegofadiwa; gonne o nathetse ba ba tlhokang bogobe jwa gagwe.

10 Leleka mosotli; foo dikgang di tla fela; go seka le go nyatsa go tla khutla.

11 Morena o rata yo o pelo e phepa; kgosi ke tsala ya yo o e kgatlhang ka puo.

12 Matlho a Morena a boloka tse o di bonyeng, mme o tla diga mafoko a molotsana.

13 Motlapa o a re: “Tau e ka fa ntle; nka bolawa mo dipatlelong.”

14 Melomo ya basadi ba sele ke gopo e e boteng; yo Morena o mo galefetseng o tla wela mo go yona.

15 Fa bosilo bo palelela mo pelong ya mosimane, thupa ya kotlo e tla bo ntsha mo go ene.

16 Go gatelela yo mmotlana ke go mo humisa; go naya mohumi ke go mo tlhokisa fela.


Diane di masome a mararo

17 Tlhwaya tsebe, o utlwe mafoko a matlhale, o ele kitso ya me tlhoko.

18 Ee, go gontle, fa o a boloka mo maikutlong a gago; foo aotlhe a tla bo a bopetswe molomo wa gago.

19 Ke ruta wena kajeno gore o tle o ikanye Morena ka wesi.

20 Kana ke go kwaletse diane tse di nang le dikgakololo le kitso,

21 go go ruta nnete le mafoko a a ikanyegang gore o tle o arabe yo o go botsang ka mafoko a boammaaruri.

22 Se thukhuthe yo mmotlana, ka a le mmotlana; le gona se gatelele mmogisegi mo lekgotleng.

23 Gonne Morena o tla ba emela mo tshekong, mme bathukhuthi ba bone o tla ba thukhutha bophelo.

24 Se tsalane le yo o mabifi; se kopane le monna yo o pelo-khutshwane,

25 e se re gongwe wa tlwaela mekgwa ya gagwe, wa thaela bophelo jwa gago seru.

26 Se nne le ba ba ikanang ka letsogo, ba ba ipofang go emela melato ya ba bangwe.

27 Kana fa o palelwa ke go lefa, bolao jwa gago bo tla tsewa ka fa tlase ga gago.

28 Se sutise molelwane wa bogologolo o borraago ba o segileng.

29 Fa o bona monna e le setswerere mo tirong ya gagwe, ene o ka direla dikgosi; ga se yo o ka direlang ba e leng batho fela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan