Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 21 - Setswana 1970

1 Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.

2 Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme Morena ene o sekaseka dipelo.

3 Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha Morena bogolo go setlhabelo.

4 Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.

5 Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela.

6 Go batla mahumo ka loleme lwa maaka ke go latela boithamako jo bo isang losong.

7 Go gatelela ga baikepi go a ba golafatsa, gonne ba gana go dira tse di siameng.

8 Tsamao ya monna yo o molato e masokasoke, mme yo o phepa tiro ya gagwe e siame.

9 Go nna mo sekhutlong godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang.

10 Pelo ya moikepi e eletsa bosula; ga a tlhomogele mongwe-ka-ene pelo.

11 Go otla mosotli ke go tlhalefisa yo o iseng a tlhalefe; mme letlhale le amogela kitso, fa le rutwa fela.

12 Yo o leng tshiamo o tlhokomela ntlo ya moikepi; o digela baikepi mo tatlhegong.

13 Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.

14 Mpho ya sephiri e tima bogale; thelesetso kobong e tima kgakalo e kgolo.

15 Ke boitumelo jwa mosiami, fa go dirwa ka tshiamo; mme mo go ba ba dirang tsa bolotsana ke therego.

16 Motho yo o fapogang mo tseleng ya tlhaloganyo o tla akofa a lala mo phuthegong ya baswi.

17 Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma.

18 Serekololo sa mosiami ke moikepi; mo boemong jwa ba nnete go tla molotsana.

19 Go botoka go nna mo lefatsheng la sekaka bogolo go go nna le mosadi yo o omanang yo o ngongoregang ka metlha.

20 Khumo e ntlentle le lookwane di mo lapeng la yo o botlhale, mme motho yo o bosilo o a di senya.

21 Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego.

22 Letlhale le fenya motse wa bagale; le diga phemelo e ba neng ba e ikanya.

23 Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.

24 Yo o ikgantshang, yo o ikgogomosang, leina la gagwe ke mosotli; o dira ka boikgantsho jo bo se nang tekanyo.

25 Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira.

26 Yo o pelotshetlha o eletsa letsatsi lotlhe, mme mosiami o a fa, ga a timane.

27 Setlhabelo sa moikepi ke maila Moreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula.

28 Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng.

29 Moikepi o sefatlhego se matepe, mme wa nnete o siamisa tsamao ya gagwe.

30 Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona.

31 Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa mo Moreneng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan