Liane 20 - Setswana 19701 Weine ke mosotli, bojalwa ke motsosa-loratla; botlhe ba ba theekelang ka tsona ga ba botlhale. 2 Mafoko a kgosi a a tshosang a tshwana le go bôpa ga tawana; yo o e gakatsang o itshenyetsa bophelo. 3 Go nna kgakala le phapaang ke tlotlo ya monna, mme seeleele sengwe le sengwe se simolola ntwa. 4 Motlapa ga o leme mariga; mme e tle e re mo kotulong a batle dijo, o se ke o bone sepe. 5 Maikaelelo a pelo ya monna ke metsi a bodiba; a giwa ke monna yo o tlhalefileng. 6 Batho ba bantsi ga twe ba lorato, mme ke mang yo o bonang monna yo o ikanyegang? 7 Mosiami yo o sepelang mo poifong-Modimo bana ba gagwe ba tla nna tlhogonolo sehularong sa gagwe. 8 Kgosi e e ntseng mo sedulong sa katlholo e a fefera, e tlosa bosula jotlhe ka matlho a yona. 9 Ke mang yo o ka reng: “Ke tlhapile pelo, ke itshekile, ga ke na boleo”? 10 Bobedi jwa dilekanyetso le jwa dielo tse di tsietsang ke maila fa pele ga Morena ka bobedi jwa tsona. 11 Le ene mosimane o a tle a ipontshe ka ditiro tsa gagwe, fa maitsholo a gagwe e le a a phepa le a nnete gongwe nnyaya. 12 Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, Morena o di dirile ka bobedi jwa tsona. 13 Se rate boroko, e se re gongwe wa humanega; buduloga matlho, foo o tla kgora dijo. 14 Moreki o a tle a re: “Ga di a siama! Ga di a siama!” Mme e re a sena go tsamaya, a ipoke. 15 Le fa go na le gouta le bontsi jwa ditalama tsa dikorala, tseo tsotlhe di phalwa ke molomo o o botlhale. 16 Mo amoge kobo ya gagwe, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; mo tsee a nne peeletso mo boemong jwa baeng. 17 Dijo tsa tsietso di monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlala makgwarana. 18 Maano a tla tlhomama ka kgakololano; dira ntwa ka tsamaiso ya botlhale. 19 Mosenya-leina o bolela tse o di sebetsweng; ka moo se tlwaelane le mmuabui. 20 Yo o rogang rraagwe gongwe mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tla tima mo nakong ya lefifi. 21 Boswa jo bo batlwang ka potlako mo tshimologong bo tla tlhoka tshegofatso mo bokhutlong. 22 Se re: “Ke tla ipusolosetsa bosula!” Letela Morena, o tla go thusa. 23 Makete a mabedi ke maila Moreneng; selekanyetso sa tsietso ga se a siama. 24 Morena ke ene o tsamaisang dikgato tsa monna; motho o ka tlhaloganya jang tsela ya gagwe? 25 Ke seru mo mothong, fa a itlhaganela a re: “Ke tla se naya Morena,” mme e re a sena go ikana jalo e be e le gona a ikakanyang. 26 Kgosi e e botlhale e fefera baikepi, e tsamaisa leotwana le le phothang mo go bone. 27 Mowa wa motho ke lobone lwa Morena lo lo tlhotlhomisang dikarolo tsotlhe tsa mmele. 28 Lorato le boammaaruri di boloka kgosi; e tshegetsa sedulo sa yona sa bogosi ka lorato. 29 Bontle jwa makau ke thata ya ona; mokgabo wa banna bagolo ke tlhogo tse dipududu. 30 Dintho tse di tswang madi di tlhabolosa modira-bosula; dikotlo di tlhabolosa maikutlo a mmele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa