Liane 2 - Setswana 1970Go tshegofaditswe ba ba batlang botlhale 1 Morwaaka, fa o ka amogela mafoko a me, wa boloka ditaolo tsa me mo go wena, 2 fa o sekegela botlhale tsebe, o lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; 3 ee, fa o bitsa temogo, o tlhatlosetsa tlhaloganyo lentswe la gago, 4 fa o bo batla jaaka selefera, o bo fukutsa jaaka khumo e e fitlhegileng, 5 foo o tla tlhaloganya go boifa Morena, o tla bona kitso ya go itse Modimo. 6 Gonne Morena o aba botlhale; kitso le tlhaloganyo di tswa mo molomong wa gagwe. 7 O bolokela basiami thuso; ke ene thebe ya ba ba sepelang ka boitekanelo 8 le yo o bolokang ditselana tsa tshiamo le yo o tsamayang mo tseleng ya ba ba mmoifang. 9 Foo o tla tlhaloganya tshiamo le molao le tsa nnete le tselana nngwe le nngwe e e molemo. 10 Gonne botlhale bo tla tsena mo pelong ya gago; kitso e tla nna monate mo go wena. 11 Kakanyo e tla go disa, tlhaloganyo e tla go boloka; 12 e le go go falodisa mo tseleng ya ba ba bosula le mo bathong ba ba buang tse di sokameng, 13 ba ba tlogelang ditselana tse di tlhamaletseng gore ba tsamae mo ditseleng tsa lefifi; 14 ba ba itumelang go dira bosula ba dudueletsa bokgopo jwa yo o sa siamang, 15 ba ditselana tsa bone di kgopameng, ba metlhala ya bone e leng ya boikepo. 16 E tla go falodisa mo mosading o sele yo e seng wa gago wa mafoko a a borethe; 17 yo o tlhalang molekane wa bošwa jwa gagwe, a lebale kgolagano e o e ikanetseng fa pele ga Modimo wa gagwe. 18 Gonne lapa la gagwe le fologela kwa losong; ditselana tsa gagwe di ya kwa baswing. 19 Botlhe ba ba yang kwa go ene ga ba boe; ga ba fitlhe mo ditselaneng tsa bophelo. 20 Tseo ke gore o sepele mo tseleng ya ba ba molemo, o tlhamalele fela mo ditselaneng tsa basiami. 21 Gonne ba nnete ba tla nna mo lefatsheng; baitekanedi ba tla sadisiwa mo go lone. 22 Mme baikepi ba tla nyelediwa mo lefatsheng; balotsana ba tla kumolwa mo go lone. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa