Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 19 - Setswana 1970

1 Mohumanegi yo o sepelang mo poifong-Modimo o molemo bogolo go yo o molomo o bolotsana yo e leng lesilo.

2 Le keletso e e se nang kitso ga e molemo, le yo o itlhaganelang ka dinao o tla timela.

3 Boeleele jwa motho bo sokamisa tsela ya gagwe, mme pelo ya gagwe e ngongoregele Morena.

4 Khumo e okeletsa motho ditsala tse dintsi, mme yo mmotlana o tlogelwa ke tsala ya gagwe.

5 Mosupi yo e seng wa nnete ga a nke a tlhoka petso; yo o buang maaka ga a nke a falola.

6 Ba bantsi ba batla go kgatlha motlotlegi; yo o ntshang dineo mongwe le mongwe ke tsala ya gagwe.

7 Bomorwa-rraagwe mohumanegi ba mo tlhoa botlhe; ditsala tsa gagwe di mo katogile bogolo go bone; o ba tlhaeletsa kwa morago, mme ga ba tle.

8 Yo o ithutang o rata bophelo jwa gagwe; yo o bolokang kelelelo o tla bona tse di molemo.

9 Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega.

10 Go phela sentle go rona lesilo; go rona bogolo jang, fa motlhanka a ka laola barena.

11 Botlhale jwa motho bo mo dira pelotelele; ke tlotlo ya gagwe, fa a itshwarela maleo.

12 Kgakalo ya kgosi e tshwana le go bôpa ga tawana; mme bopelontle jwa yona bo ntse jaaka monyo mo dijwalong.

13 Mosimane yo o boeleele ke tshenyegelo ya ga rraagwe; mme go omana ga mosadi ke thulelo e e ntseng e na ka gale.

14 Ntlo le dithoto ke boswa jwa borraabatho; mme mosadi yo o maatlametlo o tswa mo Moreneng.

15 Botlapa bo a thulametsa; mme yo o itunnang o tla bolawa ke tlala.

16 Yo o tshegetsang taolo ya Modimo o a ipoloka; mme yo o nyatsang ditsela tsa ona o tla swa.

17 Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima Morena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.

18 Otla morwao, tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ka wa mo neela mo go bolaweng.

19 Yo o galefang thata o na le go lefisiwa; fa o mo golola, o tla etegela, a senyetsa pele.

20 Utlwa kgakololo o amogele kgalemelo gore o tle o nne yo o tlhalefileng mo metlheng e e tlang.

21 Pelo ya motho e loga maano a mantsi; mme maikaelelo a Morena ke ona a a tla dirafalang.

22 Khumo e ntle ya motho ke boikanyego jwa gagwe; mohumanegi o molemo bogolo go moaki.

23 Go boifa Morena go isa bophelong; motho yo o ntseng jalo o tla kgora, a lala a sa tlelwe ke bosula bope.

24 Motlapa o tsenya seatla mo mogopong, mme a palelwa ke go se isa kwa molomong.

25 Yo o sa tlhalefang o tla tlhalefa, fa o otla mosotli; fa motlhalefi a kgalemelwa, o tla tlhaloganya kitso.

26 Yo o gatelelang rraagwe, a leleka mmaagwe, ke ngwana yo o tlhabisang ditlhong yo o nyatsegang.

27 Morwaaka, bogolo khutlela thuto, ka o ntse o fapoga mo mafokong a kitso.

28 Mosupi wa sekebeke o sotla tshiamo; melomo ya baikepi e natefelwa ke tsietso.

29 Petso ya dikatlholo e baakanyeditswe basotli le dikotlo di baakanyeditswe metlhana ya masilo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan