Liane 18 - Setswana 19701 Yo o ikgaoganyang le ba bangwe o batla boithatelo fela; o lwantsha tsotlhe tse di tsweletsang pele. 2 Lesilo ga le kgatlhwe ke tlhaloganyo, mme le rata go senola pelo ya lone. 3 Fa go tla moikepi, le nyatso e tla nae le nyatsego e e bapileng le kgobo. 4 Mafoko a monna wa nnete ke metsi a bodiba, ke noka e e elang, ke motswedi wa botlhale. 5 Go goga le moikepi ga go a siama, le e seng go siamololela mosiami mo tshekong. 6 Molomo wa lesilo o tsosa ntwa; molomo wa lone o ipiletsa dithupa. 7 Molomo wa lesilo o le isa tatlhegong molomo wa lone ke seru se se thaisang bophelo jwa lone. 8 Mafoko a mosenya-leina a tshwana le dijo tse di mafura tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe. 9 Le ene yo o botlapa mo tirong ya gagwe ke monnaa mosenyi. 10 Leina la Morena ke phemelo e e tiileng; mosiami o tshabela teng a sirelediwa. 11 Khumo ya mohumi ke motse o o femetsweng mo go ene, ke lobota lo lo godimo mo megopolong ya gagwe. 12 Boikgodiso jwa pelo ya motho bo etelela tatlhego ya gagwe pele, mme boikokobetso bo latelwa ke tlotlego. 13 Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ene. 14 Monna yo o pelokgale o itshokela bolwetse jwa gagwe; mme mowa o o imetsweng, ke mang yo o ka o tsosang? 15 Pelo ya motlhalefi e ntse e ithutela pele; ditsebe tsa matlhale di batla kitso. 16 Neo e motho o e ntshang e mmulela tsela, e mo fitlhisa fa pele ga ba bagolo. 17 Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla tla mongwe-ka-ene a mmotsolotsa. 18 Tengwa e khutlisa diphapaang, e kgaoganya ba ba thata. 19 Morwa motho yo o leofetsweng o thata bogolo go motse o o femetsweng; letlhoo le tshwana le phemelo ya ntlo ya borena. 20 Mpa ya motho e tla kgora leungo la molomo wa gagwe; o tla kgora kotulo ya tse a di jwetseng ka molomo wa gagwe. 21 Loso le bophelo di mo thateng ya loleme; ba ba ratang go bua ka lone ba tla ja leungo la lone. 22 Yo o bonyeng mosadi o bonye se se molemo; o filwe tlhogonolo ke Morena. 23 Mohumanegi o bua ka mokokotlelo, mme mohumi o araba ka bopeloethata. 24 Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa