Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 17 - Setswana 1970

1 Thathana e e se nang sešabo go le kagiso e phala ntlo e e tletseng dinama go lowa.

2 Motlhanka yo o botlhale o tla laola ngwana yo o tlhabisang ditlhong, a ba a kgaogana boswa le bomorwa mongwagwe.

3 Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.

4 Mosenyi o reetsa molomo o o tsietsang; moaki o utlwelela loleme lo lo bolotsana.

5 Yo o sotlang mohumanegi o kgala Modiri wa gagwe; yo o itumelelang kotsi ya yo mongwe ga a nke a tlhoka petso.

6 Serwalo sa tlotlo sa batsofe ke bana ba bana; bana ba tlotlega ka borraabo.

7 Puo e e maatlametlo e rona lesilo; bogolo jang puo ya maaka e rona motlotlegi!

8 Thelesetso ke taemane ya tlhogonolo mo matlhong a mong wa yona; le fa a ya kae, e ntse e mo tsweletsa pele.

9 Yo o bipang boleo jwa yo mongwe o batla thatano; mme yo o tsosang kgang gape o kgaoganya ditsala.

10 Kgalemelo e thusa motlhalefi go feta dipetso tse di lekgolo mo lesilong.

11 Serukhutlhi se batla tse di bosula fela, mme se tla romelwa morongwi yo o setlhogo.

12 Go kaone go kgatlhana le senonnori se se thukhuthilweng bana bogolo go go kgatlhana le lesilo le le mo bosilong jwa lone.

13 Yo o duelang molemo ka bosula, tatlhego ga e nke e tlogela ntlo ya gagwe.

14 Yo o simololang kgang o tshwana le yo o thibololang metsi; ka moo tlogela ntwa e ise e simologe.

15 Yo o atlholang a re: “Moikepi o siame;” le yo o reng: “Mosiami o molato.” Ba tena Morena ka bobedi jwa bone.

16 Ke ka ntlha ya eng, fa go le madi mo seatleng sa lesilo a a ka rekang botlhale? Mme kana ga le na tlhaloganyo.

17 Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.

18 Motho yo o se nang tlhaloganyo ke yo o ipofang ka seatla go lefela yo mongwe yo o emelang mongwe-ka-ene.

19 Yo o ratang komano o rata boleo; yo o tlotlomatsang setswalo sa gagwe o batala thubego.

20 Yo o pelo e sokameng ga a bone tlhogonolo epe; wa loleme lo lo bolotsana o tla wela mo kotsing.

21 Yo o tsalang lesilo o na le tshwenyego; seeleele, rraaso ga a nke a itumela.

22 Pelo e e thabileng e itse go fodisa, mme mowa o o imetsweng o omeletsa marapo.

23 Moikepi o amogelela neo e e faposang sephiring go sokamisa ditselana tsa tshiamo.

24 Yo o nang le tlhaloganyo o lebile botlhale, mme matlho a lesilo a lebile kwa bokhutlong jwa lefatshe.

25 Mosimane yo o boeleele o ngadisa rraagwe le go utlwisa yo o mmelegeng botlhoko jo bo galakang.

26 Go lefisa yo o siameng ga go molemo, mme go itaya batlotlegi ke bosula jo bo fetang joo.

27 Yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso; le yo o mowa o iketlileng ke monna yo o nang le tlhaloganyo.

28 Le lesilo, fa le didimala, le ka kaiwa letlhale; fa le moma molomo wa lone, ba ka re: “Le na le tlhaloganyo.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan