Liane 16 - Setswana 19701 Sa motho ke go ikakanya, mme loleme lo tla fiwa karabo ke Morena. 2 Motho a re, ditsela tsotlhe tsa gagwe di itshekile, mme yo o tlhatlhobang mewa ke Morena. 3 Neela Morena ditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala. 4 Morena o bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego. 5 Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgodisang ke maila mo Moreneng; ruri, ga a kitla a tlhoka petso. 6 Molato o bipiwa ka bopelotlhomogi le ka boammaaruri; motho o tila bosula ka go boifa Morena. 7 Fa ditsela tsa monna di kgatlha Morena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae. 8 Leruonyana la tshiamo le phala le legolo la tshiamololo. 9 Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mme Morena ke ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe. 10 Katlholo e mo molomong wa kgosi; a molomo wa yona o se ka wa atlhola ka boikanyologo! 11 Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsa Morena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe. 12 Go dira tsa boikepo ke maila dikgosing; gonne sedulo sa kgosi se tlhomamisiwa ka tshiamo. 13 Melomo e e siameng e kgatlha dikgosi; di rata yo o bolelang tsa nnete. 14 Kgalefo ya kgosi e tshwana le barongwi ba loso; monna yo o botlhale o tla e tima. 15 Sefatlhego sa kgosi se se supang lorato se a phedisa; bopelontle jwa yona bo tshwana le leru la pula ya tlhakola-modula. 16 Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera. 17 Tsela e e katilweng ya batho ba nnete ke go tila bosula; yo o disang tsamao ya gagwe o boloka bophelo jwa gagwe. 18 Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego; mowa o o ikgantshang o etelela go wa pele. 19 Go ikokobetsa le ba ba ikokobetsang go gaisa go abelana thopo le ba ba ikgodisang. 20 Yo o elang Lefoko la Modimo tlhoko o tla bona tlhogonolo. Go sego yo o ikanyang Morena. 21 Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele. 22 Tlhaloganyo ke motswedi wa bophelo mo go mong wa yona; mme masilo a otlwa ka bosilo jwa ona. 23 Pelo ya letlhale e ruta loleme lwa lone; le gona e godisa thuto mo molomong wa lone. 24 Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa le marapo. 25 Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso. 26 Tlala ya modiri e a mo dirisa, gonne molomo wa gagwe o a mo kgweetsa. 27 Sekebeke se epela ba bangwe gopo ya tatlhego; e kete molelo o o fisang o mo molomong wa sona. 28 Molotsana o lotlhanya batho; mosenya-leina o kgaoganya ditsala. 29 Mosiamolodi o raela mongwe-ka-ene, o mo gogela mo tseleng e e seng molemo. 30 Yo o budulatsang matlho go loga maano a bolotsana, a ba a moma molomo o setse a dirile bosula. 31 Moriri o mmududu ke serwalo se sentlentle; se bonwa ka tsamao e e siameng. 32 Yo o pelotelele o phala seganka; yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse. 33 Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa mo Moreneng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa