Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 15 - Setswana 1970

1 Karabo e e bonolo e tima bogale, mme lefoko le le kgopisang le a galefisa.

2 Diteme tsa matlhale di ntsha kitso sentle, mme melomo ya masilo e bilola boeleele fela.

3 Matlho a Morena a mo mafelong aotlhe, a tlhola ba ba bosula le ba ba molemo.

4 Bonolo jwa loleme ke setlhare sa bophelo; mme bolotsana jwa lone bo phatlola pelo.

5 Lesilo le nyatsa kotlo ya rraalo, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlhalefa.

6 Letlotlo le legolo le mo ntlong ya mosiami, mme di-tsa-moikepi di a senyega.

7 Melomo ya matlhale e utlwatsa kitso, mme dipelo tsa masilo ga di na nnete.

8 Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.

9 Tsamao ya moikepi ke maila Moreneng, mme o rata yo o latelelang tshiamo.

10 Kotlo e e botlhoko e wela yo o tlogelang tsela; mme yo o ilang kgalemelo o tla swa.

11 Morena o bona felo ga baswi le ga tatlhego, mme o bona dipelo tsa batho bogolo go gona.

12 Mosotli ga a rate yo o mo kgalemelang, le gona ga a etele matlhale.

13 Pelo e e thabileng e ntlafatsa sefatlhego, mme mowa o imelwa ke botlhoko jwa pelo.

14 Pelo ya motlhalefi e batla kitso, mme melomo ya masilo e rata boeleele.

15 Malatsi aotlhe a mmogisegi a botlhoko, mme yo o pelo e thabileng o na le moletlo ka gale.

16 Bobotlana jo bo nang le poifo-Modimo bo phala khumo e kgolo e e nang le letswalo.

17 Go ja morogo re ratana go monate go phala kgomo e e nontshitsweng re tlhoanye.

18 Monna yo o bogale o tsosa ntwa, mme yo o pelotelele o fedisa kgang.

19 Tsela ya motlapa e tshwana le legora lwa mitlwa, mme tselana ya ba ba matlhagatlhaga e katilwe sentle.

20 Ngwana yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa lesilo o nyatsa mmaagwe.

21 Boeleele ke boitumelo jwa yo o se nang tlhaloganyo, mme monna wa kelelelo o tlhamalalela pele fela.

22 Maikaelelo a a pala, fa go se na kgakololano; fa bagakolodi ba le bantsi, a tla dirafala.

23 Monna o itumelela karabo ya molomo wa gagwe; lefoko le le buiwang ka nako e e le lebanyeng le molemo jang!

24 Tsela ya bophelo e tlhatlosetsa motlhalefi kwa godimo gore a fapoge felo ga baswi ka kwa tlase.

25 Morena o tla rutla ntlo ya baikgantshi, mme o tla tlhomamisa molelwane wa motlholagadi.

26 Maano a yo o bosula ke maila mo Moreneng, mme mafoko a lorato a phepa mo go ene.

27 Motho wa kgwebo ya tshiamololo o hudua ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dineo tse di faposang o tla phela.

28 Pelo ya mosiami e akanya dikarabo, mme melomo ya baikepi e bilola tse di bosula.

29 Morena o kgakala le baikepi, mme thapelo ya basiami o a e utlwa.

30 Matlho a thabo a itumedisa pelo; kitsiso e e molemo e tiisa moko.

31 Tsebe e e reetsang dikgalemelo tse di phedisang e rata go nna le matlhale.

32 Yo o tlhokomologang dikotlo o nyatsa bophelo jwa gagwe, mme yo o utlwang kgalemelo o tla bona tlhaloganyo.

33 Go boifa Morena ke yona thuto ya botlhale; boikokobetso bo etelela tlotlego pele.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan