Liane 10 - Setswana 1970Diane tsa mefutafuta tsa ga Salomo 1 Diane tsa ga Salomo. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmaagwe. 2 Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong. 3 Morena ga a bolaise mosiami tlala, mme keletso ya moikepi o e kgoromeletsa kwa morago. 4 Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlhaga di a humisa. 5 Ngwana yo o maatlametlo o phutha dijo selemong. Yo o robalang go kotulwa ke yo o tlhabisang ditlhong. 6 Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo. 7 Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela. 8 Yo o pelo e botlhale o amogela ditaolo, mme yo o molomo o bosilo o tla digwa. 9 Yo o sepelang ka boitekanelo o tsamaya a le mo tshireletsong; yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla lemogiwa. 10 Yo o tswitlang ka leitlho o tsisa bohutsana; mme yo o kgalemelang molato a sa tshabe motho o dira kagiso. 11 Molomo wa mosiami ke motswedi wa bophelo; mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo. 12 Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe. 13 Go fitlhelwa botlhale mo molomong wa motlhalefi, mme thupa e tshwanetse motlhana wa yo o se nang tlhaloganyo. 14 Ba ba botlhale ba ipolokela kitso, mme molomo wa seeleele o atametsa tlalelo. 15 Tse mohumi o nang natso ke motse o o thata wa gagwe; mme tatlhego ya ba ba botlana ke khumanego ya bone. 16 Tse mosiami o di itiretseng di a mo phedisa; tse moikepi o di bonang di a mo leofisa. 17 Yo o elang kotlo tlhoko o mo tseleng e e yang mo bophelong; mme yo o tlhokomologang kgalemelo o a timela. 18 Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo. 19 Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale. 20 Loleme lwa mosiami ke selefera e e tlhaotsweng; tlhaloganyo ya moikepi ga se ya sepe. 21 Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo. 22 Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe. 23 Go dira tse di tlhabisang ditlhong go kgatlha seeleele; mme monna yo o nang le tlhaloganyo o kgatlhwa ke botlhale. 24 Se moikepi o se tshabang se tla mo wela; se basiami ba se eletsang Modimo o tla se ba naya. 25 E a re fa ledimo le feta, moikepi a ye le lone; mme mosiami o theilwe mo motheong o o sa khutleng. 26 Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng. 27 Go boifa Morena go oketsa malatsi a bophelo; mme dinyaga tsa baikepi di tla fokodiwa. 28 Tsholofelo ya basiami e isa mo boitumelong; tse baikepi ba di letileng di a nyelela. 29 Tsela ya Morena ke phemelo ya morapedi, mme e isa badiri ba boithamako mo tatlhegong. 30 Mosiami ga a kitla a reketla ka bosakhutleng, mme baikepi ga ba kitla ba nnela ruri mo lefatsheng. 31 Molomo wa mosiami o tlhogisa botlhale, mme loleme lwa bolotsana lo tla kumolwa. 32 Molomo wa mosiami o itse tse di natefang; melomo ya baikepi e itse tsa bolotsana fela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa