Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Liane 1 - Setswana 1970


Mosola wa diane

1 Diane tsa ga Salomo morwa Dafita, kgosi ya Iseraele.

2 Ke tsa go itse botlhale le ngwao, tsa go tlhaloganya mafoko a temogo

3 gore motho a amogele tlhagiso e e tlhalefisang le tshiamo le molao le tsa nnete

4 gore ba ba iseng ba tlhalefe ba newe thuto, makau a newe kitso le kelelelo –

5 Yo o botlhale o tla di utlwa, a ba a okelediwa kitso; yo o fatlhogileng o tla bona dikgakologelo tse di molemo –

6 gore a tlhaloganye diane le ditshwantsho le mafoko a ba ba botlhale le dinyepo tsa bone.


Makau a a gakololwa

7 Go boifa Morena ke tshimologo ya kitso. Masilo a nyatsa botlhale le maitsholo.

8 Morwaaka, utlwa taelo ya ga rraago; se tlhokomologe thuto ya ga mmaago!

9 Gonne tsona ke serwalo se sentle mo tlhogong ya gago le sebaga sa mokgabo mo molaleng wa gago.

10 Morwaaka, fa baleofi ba go raela, o gane.

11 Fa ba re: “Tlaya le rona, re lalele motho go tsholola madi, re ratele go bolaya yo o se nang molato ka bomo;

12 re metse ba ba phelang jaaka felo ga baswi le ba ba itekanetseng jaaka ba ba fologelang kwa lebitleng.

13 Re tla bona dithoto tsa mefutafuta tsa tlhwatlhwa e kgolo; re tla tlatsa matlo a rona ka thopo.

14 Utlwana le rona! Re tla tlhakanela kgetsana ya madi mmogo.”

15 Morwaaka, se tsamae nabo mo tseleng! Iletsa dinao tsa gago ditselana tsa bone!

16 Gonne maoto a bone a sianna kwa bosuleng, a itlhaganelela go tsholola madi.

17 Ee, letloa le le thaisang dinonyane tsa mefutafuta fa pele ga matlho a tsona le alelwa lefela.

18 Mme bone bao ba lalela madi a bone ka bosi, ba batla go itshenyetsa maphelo ka bosi.

19 Ke tsona ditsela tsa botlhe ba ba batlang kgwebo ya tshiamololo: yona e tla amoga beng ba yona bophelo.


Botlhale bo a re bitsa

20 Botlhale bo kuela godimo mo mebileng; bo utlwatsa lentswe la jona mo dipatlelong.

21 Bo tlhaba mokgosi bo le mo godimo ga dipota; bo bolela mafoko a jona mo mejakong ya dikgoro tsa motse:

22 Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso?

23 Retologelang kwa kgalemelong ya me! Bonang, ke tla lo ntshetsa mowa wa me, ke lo itsise mafoko a me.

24 E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo, mme ga se ka ga tlhokomela ope;

25 ka lo tlhokomologile kgakololo ya me yotlhe, mme lwa se ka lwa rata kgalemelo ya me:

26 Ka moo le nna ke tla tshega tatlhego ya lona, ke sotla, fa lo tlelwa ke therego;

27 fa therego e lo tlela jaaka tumo ya maru, fa tatlhego ya lona e tla jaaka ledimo, fa tlalelo le pitlaganyo di lo wela.

28 Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba; ba tla mpatla, mme ga ba nke ba mpona.

29 E re ka ba tlhoile kitso, ba se ka ba itlhaolela go boifa Morena;

30 ka ba se ka ba rata kgakololo ya me, mme ba nyatsa kgalemelo ya me yotlhe:

31 Ke ka moo ba tshwanetseng go bolawa ke se ba se jeleng, le go kgora bosula jwa maano a ba a logileng.

32 Gonne boikepo jwa ba ba sa tlhalefang bo a ba bolaya; go se kgathale sepe ga dieleele go di isa mo tatlhegong.

33 Mme yo o nkutlwang o tla nna mo tshireletsong; o tla bo a iketlile a sa boife bosula.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan