Levitiko 9 - Setswana 1970Ditlhabelo tsa ntlha tsa ga Arone. Kgalalelo ya Morena ya bonala 1 Jaanong ka letsatsi la robedi Moše a bitsa Arone le bomorwawe le bagolo ba Iseraele , 2 a raya Arone a re: “Tsaya poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso tse di itekanetseng, o di tlise fa pele ga Morena. 3 O be o ree Baiseraele o re: ‘Tsayang phoko ya setlhabelo sa boleo le namane le kwana tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole tsa setlhabelo sa phiso 4 le poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo go di tlhabela Morena, le tshupelo ya bupe jo bo dubilweng ka lookwane. Gonne Morena o tla iponatsa mo go lona kajeno.’ ” 5 Ke fa ba tsaya tse Moše o di ba laetseng ba di tsisa fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme phuthego yotlhe ya atamela, ya ema fa pele ga Morena. 6 Jaanong Moše a re: “Tiro e ke e Morena o e lo laetseng go e dira gore kgalalelo ya Morena e tle e bonale mo go lona.” 7 Moše a ba a raya Arone a re: “Atamela kwa aletareng, o dire setlhabelo sa boleo sa gago le setlhabelo sa phiso sa gago, o ithuanye le Modimo, o be o ruanye ba lapa la gago; o be o baakanye neo ya tlhabelo ya morafe, o o batlele thuanyo jaaka Morena a laetse.” 8 Ke fa Arone a atamela kwa aletareng, a itlhabela namane ya setlhabelo sa boleo se e leng sa gagwe. 9 Mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a ina monwana wa gagwe mo mading, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare, a ba a tshololela madi a a setseng mo motheong wa aletare. 10 Mme mafura a setlhabelo sa boleo le diphilo le mafura a a bapileng le sebete a di fisa mo aletareng jaaka Morena a laetse Moše. 11 Nama le letlalo tsona a di fisetsa ka kwa ntle ga bothibelelo. 12 Jaanong a tlhaba setlhabelo sa phiso, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. 13 Ba be ba isa setlhabelo sa phiso kwa go ene ka fa dirweng tsa sona le tlhogo, mme a di fisa mo aletareng. 14 A ba a tlhatswa mala le memomo, a di fisa mo godimo ga setlhabelo sa phiso mo aletareng. 15 Morago ga moo a tsisa neo ya tlhabelo ya morafe: A tsaya phoko ya setlhabelo sa boleo se e leng sa morafe, a e tlhaba, a e dira setlhabelo sa boleo jaaka sa pele. 16 A ba a tsisa setlhabelo sa phiso, a dira ka sona ka fa tshwanelong. 17 A ba a tsisa tshupelo ya dijo, a tabola go tletse seatla, a e fisa mo aletareng – kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa mo mosong. 18 A ba a tlhaba poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo tsa morafe, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare. 19 Mme mafura a poo le a mogatla wa phelehu le lomipi lo lo apesitseng mogodu le diphilo le mafura a a bapileng le sebete, 20 mafura ao ba a baya mo godimo ga dihuba, mme a fisa mafura ao mo aletareng. 21 Mme dihuba le serope se se jang Arone a di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena jaaka Moše a laetse. 22 Jaanong Arone a tsholeletsa morafe mabogo a o tshegofatsa; a ba a fologa a sena go dira setlhabelo sa boleo le sa phiso le sa tebogo. 23 Mme Moše le Arone ba tsena mo Tenteng ya Boipontsho; ya re ba sena go tswa, ba tshegofatsa morafe. Ke fa kgalalelo ya Morena e bonatsegela morafe otlhe. 24 Molelo wa tswa kwa Moreneng, wa ja setlhabelo sa phiso le mafura mo aletareng. Ya re morafe otlhe o bona jalo, wa duduetsa, wa wela fa fatshe ka difatlhego. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa