Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Levitiko 23 - Setswana 1970


Melao ka ga Meletlo e megolo

1 Morena a ba a raya Moše a re:

2 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Dipaka tsa Meletlo ya Morena tse lo tshwanetseng go di kua go nna dikgobokano tse di boitshepo, e bong dipaka tsa meletlo ya me ke tse:

3 Tiro a e dirwe ka malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Sabata la boikhutso jo bo tletseng ke la pitso e e boitshepo ya Morena. Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke la Sabata la Morena mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.

4 Dipaka tsa meletlo ya Morena tsa go phuthegela kwa Felong-ga-Boitshepo tse lo tshwanetseng go di kua ka dinako tsa tsona ke tse:


Paseka
( Num. 28:16-25 )

5 “ ‘Ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa ke Tlolaganyo ya Morena.

6 Mme ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ke Moletlo wa Morena wa dinkgwe tse di sa bedisiwang; lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa.

7 Ka letsatsi la ntlha go nne kgobokano e e boitshepo ya lona ya Moletlo, lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.

8 Lo fisetse Morena ditlhabelo malatsi a supa. Letsatsi la bosupa ke la kgobokano e e boitshepo ya Moletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.’ ”

9 Morena a ba a raya Moše a re:

10 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng le ke tla le lo nayang, mme lo roba thobo ya lona, gona lo ise ngata ya ntlha ya mabutswapele a lona kwa go moperesiti.

11 Ene a kgadikanye ngata eo fa pele ga Morena gore lo kgatlhe Morena ka yona. Moperesiti a e kgadikanye ka letsatsi le le tlhomaganang le la Sabata.

12 Mme ka letsatsi le lo kgadikanyang ngata eo ka lone lo direle Morena setlhabelo sa phiso sa kwana e e se nang bogole ya ngwaga o le mongwe

13 mmogo le tshupelo ya dijo ya sona, e bong ya dikarolo tse pedi tsa some tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo tlhakantswe le lookwane e le tshupelo ya molelo ya Morena e e nkgang monate le tshupelo ya noo ya teng ya weine ya karolo ya bone ya hina.

14 Lo se ka lwa ja senkgwe le dipabe tsa letlhafula pele ga letsatsi leo, pele lo ise lo tlise tshupelo ya Modimo wa lona. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.


Tebogo ya Thobo
( Num. 28:26-31 )

15 “ ‘Jaanong go tloga ka letsatsi le le tlhomaganang le Sabata le lo tlisitseng ngata ya kgadikanyo ka lone lo bale dibeke di supa tse di tletseng,

16 go ya go fitlha letsatsing le le tlhomaganang le Sabata wa bosupa, lo bale malatsi a le 50. E be gona lo isetsang Morena tshupelo ya bupe jo bošwa.

17 Lo tlise dinkgwe di le pedi tsa kgadikanyo, di tswa mo malapeng a lona, e nne tsa dikarolo tse pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, di besiwe di bedisitswe e le mabutswapele a Morena.

18 Mmogo le dinkgwe tseo lo tlise dikwana di supa tse di se nang bogole tsa ngwaga o le mongwe le poana e le nngwe le diphelehu di le pedi; e nne tsa setlhabelo sa phiso sa Morena mmogo le ditshupelo tsa tsona tsa dijo le tsa noo di fisediwe Morena go nna tsa monko o o monate.

19 Lo dire phoko e le nngwe setlhabelo sa boleo le dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe setlhabelo sa tebogo.

20 A moperesiti a di kgadikanye mmogo le dinkgwe tsa mabutswapele go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena mmogo le dikwana tse pedi; ke tse di itshepetseng Morena go nna tsa moperesiti.

21 Lo tlhabe mokgosi ka lone letsatsi leo wa gore lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone; se direng tiro epe ya mosebetsi ka lone. Ke molao o o sa khutleng gotlhe kwa le nnang teng.

22 “ ‘E re lo roba thobo ya masimo a lona, lo se ka lwa feleletsa go roba matlhakore a masimo a lona, fa lo kotula; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona, mme lo a tlogelele bahumanegi le baeng. Ke nna Morena Modimo wa lona.’ ”


Letsatsi la ntlha la ngwaga o mošwa
( Num. 29:1-6 )

23 Morena a ba a raya Moše a re:

24 “Bua le Baiseraele o re: ‘Letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa e nne le legolo la boikhutso mo go lona la modumo wa dinaka o o kgothatsang, la go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo.

25 Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone; lo isetse Morena ditlhabelo tsa molelo.’ ”


Letsatsi la thuanyo
( Num. 29:7-11 )

26 Morena a ba a raya Moše a re:

27 “Ka kgwedi ya bosupa eo e le 10 ke letsatsi la thuanyo; lo tshwanetse go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo ka lone, le go ikokobetsa, lo isetse Morena ditlhabelo tsa molelo.

28 Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone letsatsi leo; gonne ke letsatsi la thuanyo la go agisanya le Morena, Modimo wa lona.

29 Mme mongwe le mongwe yo o sa ikokobetseng ka letsatsi leo o tshwanetse go nyelediwa mo morafeng wa ga gabo.

30 Gape motho mongwe le mongwe yo o dirang tiro nngwe ka lone letsatsi leo ke tla mo isa tatlhegong, ke mo tlosa mo morafeng wa ga gabo.

31 Lo se ka lwa dira tiro epe ka lone. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona mo mafelong otlhe kwa lo nnang teng.

32 Ke Sabata wa boikhutso jo bo tletseng mo go lona, mme lo ikokobetse. Lo simolole ka la robongwe la kgwedi eo, go tloga maitsiboa go ya maitsiboa a kamoso, lo ikhutse ka Sabata yoo wa lona.”


Moletlo wa Metlaagana
( Num. 29:12-40 )

33 Morena a ba a raya Moše a re:

34 “Bua le Baiseraele o re: ‘Ka kgwedi eo ya bosupa e le 15 ke Moletlo wa Metlaagana wa Morena wa malatsi a supa.

35 Ka letsatsi la ntlha go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.

36 Lo nne lo isetse Morena ditshupelo tsa molelo malatsi a supa, mme ka letsatsi la robedi lo kgobokanele kwa Felong-ga-Boitshepo, lo be lo isetse Morena ditshupelo tsa molelo; ke kgobokano ya go khutlisa Meletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.

37 “ ‘Ke tsona dipaka tsa Meletlo ya Morena tse lo tshwanetseng go di kua gore go kgobokanelwe kwa Felong-ga-Boitshepo, go be go isediwe Morena ditshupelo tsa molelo, e bong ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa dijo le ditlhabelo tse di jewang le ditshupelo tsa noo ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng.

38 Kwa ntle ga tsona go tsisiwa tsa boSabata ba Morena le dineo tsa lona le dineo tsotlhe tsa maikano a lona le dineo tsotlhe tsa bogalona tse lo di neelang Morena.

39 “ ‘Fela ka kgwedi ya bosupa e le 15 fa lo sena go roba thobo ya masimo, lo tshware Moletlo wa Morena malatsi a supa. Ka letsatsi la ntlha go ikhutsiwe le ka letsatsi la robedi.

40 Ka letsatsi la ntlha lo tsee maungo a ditlhare tse dintle le dikala tsa mekolane le tsa ditlhare tse di raraanyeng le tsa megokare ya noka, lo itumele fa pele ga Morena, Modimo wa lona, malatsi a supa.

41 Lo o dire malatsi a supa ka ngwaga e le Moletlo wa Morena; ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona; lo o tshware ka kgwedi ya bosupa.

42 Lo nne mo metlaaganeng malatsi a supa; botlhe ba ba tsaletsweng mo Iseraele ba nne mo metlaaganeng

43 gore ba ditshika tsa lona ba tle ba itse gore ke ne ke nnisa Baiseraele mo metlaaganeng, fa ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona.’ ”

44 Mme Moše a begela Baiseraele dipaka tsa Meletlo ya Morena.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan