Levitiko 22 - Setswana 1970Ka ga go ja tse di boitshepo 1 Morena a ba a bua le Moše a re: 2 “Raya Arone le bomorwawe gore ba itime tse di boitshepo tsa Baiseraele tse ba di intshepisetsang, e se re gongwe ba itshepolola leina le le boitshepo la me. Ke nna Morena. 3 Ba ree o re: ‘Monna mongwe le mongwe wa ditshika tsa lona, le fa e le wa losika lofe lwa lona, yo o ka atamelang tse di boitshepo tse Baiseraele ba di itshepisetsang Morena, a na le boitshekologo, a motho yoo a nyelediwe fa pele ga me. Ke nna Morena. 4 “ ‘Monna mongwe le mongwe wa losika lwa ga Arone yo e leng molepero gongwe yo o nang le tshologo, a se ka a ja tse di boitshepo a ise a itsheke; gape yo o amang mongwe yo o itshekologileng ka moswi gongwe yo o tshologileng peo 5 gongwe yo o amang segagabi se a itshekologang ka sona, le fa e le motho yo a itshekologang ka ene, le fa a na le itshekologo efe. 6 Motho yo o amang tse di ntseng jalo a a nne a itshekologile go ya maitsiboeng, mme a se ka a ja tse di boitshepo a ise a tlhape mmele. 7 Mme fa letsatsi le sena go phirima, o tla bo a itshekile; morago ga moo a ka ja tse di boitshepo; gonne ke dijo tsa gagwe. 8 Se se suleng le se se bolailweng ke sebata a se ka a se ja, e se re gongwe a itshekologa ka sona. Ke nna Morena. 9 “ ‘A ba tlhokomele ditaelo tsa me gore ba se ka ba ithwesa boleo ka ntlha ya tse di boitshepo; ba tloga ba swa ka tsona, fa ba di itshepolotse. Ke nna Morena yo ke ba itshepisang. 10 “ ‘Tse di boitshepo ga di a tshwanela go jewa ke yo e seng moperesiti; le yo o agileng go bapa le moperesiti le yo o rapilweng ke ene ka tuelo a se ka a ja tse di boitshepo. 11 Mme fa moperesiti a reka motho ka madi a gagwe, ene o ka di ja; le ba ba tsaletsweng mo ntlong ya gagwe bone ba ka ja dijo tseo. 12 Fa morwadia moperesiti a nyalwa ke monna yo e seng moperesiti, a se ka a tlhola a ja kabelo ya tse di boitshepo. 13 Fela fa morwadia moperesiti a nna motlholagadi gongwe a tlhalwa a se na bana a ba a boela kwa ntlong ya ga rraagwe, gona o ka ja dijo tsa ga rraagwe jaaka pele. Fela di se ka tsa jewa ke ope o sele. 14 “ ‘E re fa motho a ka ja se se boitshepo, a sa itse, a a se oketse ka karolo ya botlhano, a nee moperesiti se se boitshepo. 15 A baperesiti ba se ka ba itshepolola dineo tse di boitshepo tse Baiseraele ba di kgethelang Morena 16 le e seng go ba rwesa molato o o nang le petso ka go ja tse di boitshepo tsa bone ka tshwanologo. Gonne ke nna Morena yo ke ba itshepisang.’ ” 17 Morena a ba a raya Moše a re: 18 “Bua le Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe, o ba ree o re: ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba mo Iseraele yo o tlisang tshupelo ya gagwe – le fa e le dineo tsa maikano gongwe tsa lorato tse ba di tlisetsang Morena go nna setlhabelo sa phiso – 19 a a tlise se lo ka itumelelwang ka sona e bong e tonanyana e e se nang bogole, e ka nna poana gongwe phelehu gongwe phoko. 20 Lo se ka lwa tlisa sepe se se nang le bogole; gonne ga lo kitla lo itumelelwa ka sona. 21 Gongwe fa motho a isetsa Morena setlhabelo sa tebogo go dirafatsa maikano gongwe sa bogagagwe sa dikgomo gongwe sa difutshane, se tla itumelelwa fela, fa se se na bogole; a go se nne bogole bope mo go sona. 22 Se se foufetseng gongwe se se robegileng gongwe se se khutlegileng gongwe se se nang le ditlhagala gongwe sekwepe gongwe ditlhoko, tseo lo se ka lwa di isetsa Morena le e seng go fisetsa Morena sengwe sa tsona mo aletareng. 23 Mme kgomo gongwe sefutshane se se tokololo e gololegileng gongwe e e gonyetseng, o ka se dira setlhabelo sa lorato fela, mme fa e le sa maikano ga se nke se itumelelwa. 24 Se se fagotsweng ka go pšhwetlwa gongwe go thulwa gongwe go kgaolwa gongwe go segwa lo se ka lwa se isetsa Morena; le gona lo se ka lwa dira jalo mo lefatsheng la ga lona. 25 “ ‘Le fa di tswa mo diatleng tsa baeng, lo se ka lwa di tlhabela Modimo wa lona go nna dijo tsa ona; gonne di senyegile, di golafetse; ga lo ne lo itumelelwa ka tsona.’ ” 26 Morena a ba a raya Moše a re: 27 “Fa go tsalwa namane gongwe kwanyana gongwe potsane, a e nne le mmaayo malatsi a supa, mme go tloga ka letsatsi la robedi go ya kwa pele e tla itumelelwa go ka nna setlhabelo sa molelo sa Morena. 28 Kgomo le fa e le sefutshane lo se ka lwa di tlhaba mmogo le bana ba tsona ka letsatsi le le lengwe. 29 E re fa lo direla Morena setlhabelo sa pako, lo mo tlhabele se lo ka itumelelwang ka sona: 30 A se jewe ka letsatsi la teng; lo se ka lwa sadisa sepe sa sona go ya mosong. Ke nna Morena. 31 “Tlhokomelang ditaelo tsa me, lo dire ka tsona. Ke nna Morena. 32 Mme lo se ka lwa itshepolola leina la me le le boitshepo gore ke tle ke kaiwe yo o boitshepo mo Baiseraeleng. Ke nna Morena yo ke lo itshepisang, 33 yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona, nna Morena.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa