Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Levitiko 2 - Setswana 1970


Tshupelo ya dijo

1 “ ‘Fa motho a tlisetsa Morena neo ya tshupelo ya dijo, a neo ya gagwe e nne bupe jo bo boleta, a tshele lookwane mo go jona, a be a bee tse di nkgang monate mo go jona.

2 A be a e ise kwa go bomorwa Arone, baperesiti, jaanong moperesiti a tabole tse di fisiwang mo go tsona, e bong bupe bo tletse seatla le lookwane lwa teng mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe tsa teng, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.

3 Mme tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa ditshupelo tsa molelo tsa Morena.

4 “ ‘Mme fa o tlisa neo ya tshupelo ya dijo ya tse di besitsweng mo sebesong a e nne tsa bupe jo bo boleta, e ka nna dinkgwe tse di sa bedisiwang di dubilwe ka lookwane, gongwe dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang di tshasitswe lookwane.

5 “ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di gadikilweng mo paneng, a e nne tsa bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane di sa bedisiwa.

6 Di ngathoganye dithathana, o tshele lookwane mo go tsona. Tse di jalo ke tshupelo ya dijo.

7 “ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di apeilweng mo pitseng, a di dirwe ka bupe jo bo boleta le lookwane.

8 Tshupelo ya dijo e e dirilweng ka tseo o e tlisetse Morena, e neelwe moperesiti, mme ene a e ise kwa aletareng.

9 Jaanong a moperesiti a tsee tse di fisiwang tsa tshupelo ya dijo, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.

10 Tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa melelo ya Morena.

11 “ ‘A go se nne tshupelo epe ya dijo e lo e tlisetsang Morena e e dirwang ka tse di bedisitsweng. Lo se ka lwa fisa sepe sa letlhabego le e seng sepe sa mafura a dinotshe go nna tshupelo ya molelo ya Morena.

12 Tsona lo ka di tlisetsa Morena e le neo ya mabutswapele, fela di se ka tsa tla mo aletareng go nna monko o o monate.

13 Neo nngwe le nngwe ya tshupelo ya dijo ya gago o e loke ka letswai. O se ka wa tlhokisa tshupelo ya dijo ya gago letswai la kgolagano ya Modimo wa gago. Tlisa letswai mmogo le tshupelo nngwe le nngwe ya gago.

14 Mme fa o tlisetsa Morena tshupelo ya dijo ya mabutswapele, o tlise diako tse di besitsweng ka molelo gongwe mabele a mašwa a a somotsweng, e le tshupelo ya dijo ya mabutswapele a gago.

15 Fela o tshele lookwane mo go yona, o be o bee tse di nkgang monate mo go yona. Le tseo ke tshupelo ya dijo.

16 Mme tse di fisiwang tsa yona tsa mabele a a somotsweng le lookwane lwa teng a moperesiti a di fise mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe. Tseo ke tshupelo ya molelo ya Morena.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan