Levitiko 19 - Setswana 1970Melao ya Boitshepo le ya Tshiamo 1 Morena a ba a raya Moše a re: 2 “Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, o ba ree o re: ‘Nnang boitshepo, gonne nna Morena Modimo wa lona ke boitshepo. 3 A mongwe le mongwe a boife mmaagwe le rraagwe, lo tlhokomele boSabata ba me; ke nna Morena Modimo wa lona. 4 “ ‘Lo se ka lwa ineela medimo ya boithamako le e seng go itirela medimo e e bopilweng; ke nna Morena Modimo wa lona. 5 “ ‘Fa lo tlhabela Morena setlhabelo sa tebogo, lo se tlhabe ka fa lo ka mo itumedisang ka teng. 6 A se jewe ka letsatsi le lo se tlhabang ka lone le kamoso, mme se se ka salang go ya letsatsing la boraro se fisiwe ka molelo. 7 Mme fa se ka jewa ka letsatsi la boraro, se tla bo se itshekologile, se sa kgatlhe. 8 Yo o se jang o tla rwala molato wa gagwe; gonne o itshepolotse tse di boitshepo tsa Morena. Mme motho yoo a a nyelediwe mo morafeng wa ga gabo. 9 “ ‘E re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, lo se ka lwa feletsa go roba matlhakore a masimo a lona; lo se ka lwa sela maronopo a thobo ya lona. 10 Le tshimo ya gago ya moweine o se ka wa e ronopa le maungo a tshimo ya moweine ya gago a a tlhotlhoregileng o se ke wa a sela, mme o a tlogelele mohumanegi le moeng. Ke nna Morena Modimo wa lona. 11 “ ‘Lo se ka lwa utswa; lo se ka lwa aka le e seng go tsietsanya. 12 Lo se ka lwa ikana ka maaka ka leina la me, mo lo tla bong lo itshepolola leina la Modimo wa lona; ke nna Morena. 13 “ ‘O se ka wa gatelela mongwe-ka-wena le e seng go mo thukhutha; yo o rapetsweng letsatsi o se ka wa lala o sa mo duela. 14 O se ka wa roga sesusu le e seng go baya sekgopi fa pele ga sefofu, mme o boife Modimo wa gago. Ke nna Morena. 15 “ ‘Lo se ka lwa dira tse di sokameng mo tshekong; o se ka wa gobelelela yo mmotlana le e seng go tlotla yo mogolo, mme o atlhole mongwe-ka-wena ka tshiamo. 16 O se ka wa tsamayatsamaya go senya maina mo morafeng wa ga eno le e seng go bolaisa mongwe-ka-wena mo tshekong; ke nna Morena. 17 “ ‘O se ka wa tlhoa morwa-rraago mo pelong ya gago, mme o kgalemele mongwe-ka-wena ka tshwanelo, e se re gongwe wa nna mo molatong ka ntlha ya gagwe. 18 O se ka wa ipusolosetsa le e seng go bolokela ba morafe wa ga eno bogale, mme o rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata. Ke nna Morena. 19 “ ‘Tlhokomelang melao ya me; o se ka wa gwedisanya mefuta e le mebedi ya diruiwa tsa gago; o se ka wa jwala peo ya mefuta e mebedi mo tshimong ya gago. O se ka wa apara seaparo se se logilweng ka ditlhale tsa mefuta e mebedi. 20 “ ‘Fa monna a robala le mosadi, mme mosadi yoo e le lekgoba le mogadingwana wa monna yo mongwe, mosadi a sa rekololwa le e seng go fiwa kgololesego, a petso e nne teng, fela ba se ka ba bolawa, ka mosadi a ne a sa gololwa. 21 A monna a isetse Morena setlhabelo sa molato wa gagwe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, e bong phelehu ya setlhabelo sa molato. 22 A moperesiti a mo ruanye ka phelehu ya setlhabelo sa molato fa pele ga Morena ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng; foo o tla itshwarelwa boleo jo a bo dirileng. 23 “ ‘E re lo sena go fitlha kwa lefatsheng la Kanana le go tlhoma ditlhare tsa mefutafuta tse di jewang, foo lo kae maungo a tsona kilelo dinyaga di le tharo tsa ntlha; a a nne boheitane mo go lona, a se ka a jewa. 24 Mme ka ngwaga wa bone maungo otlhe a tsona e nne dineo tse di boitshepo tsa go leboga Morena. 25 Jaanong ka ngwaga wa botlhano lo ka ja maungo a tsona, e le gore di tle di lo ntsifaletse maungo. Ke nna Morena Modimo wa lona. 26 “ ‘Lo se ka lwa ja sepe se na le madi a sona. Lo se ka lwa dira tsa botlhodi le e seng tsa boitseanape. 27 Lo se ka lwa ipeola tlhogo setlopo. Le gona lo se ka lwa poma ditedu tsa lona. 28 Lo se ka lwa iphatsa mmele ka ntlha ya moswi, le e seng go ikgabisa ka mokgwara; ke nna Morena. 29 “ ‘O se ka wa itshepolola morwadio ka go mo dirisa boaka, e se re gongwe lefatshe la tloga la dira boikepo, la ba la tlala bosula jo bo tlhabisang ditlhong. 30 Tlhokomelang boSabata ba me, lo boife Felo-ga-Boitshepo ga me; ke nna Morena. 31 “ ‘Se batleng thuso mo go ba ba buang le badimo le mo go baitseanape; lo se ka lwa ba botsa lwa tloga lwa itshekologa ka bone; ke nna Morena Modimo wa lona. 32 “ ‘Nanogela tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhego sa motsofe, o boife Modimo wa gago; ke nna Morena. 33 “ ‘E re fa moeng a lo falaletse mo lefatsheng la lona, lo se ka lwa mo gatelela. 34 Moeng yo o lo falaletseng lo mo kaye jaaka mogalona, mme lo mo rate jaaka lo ithata; gonne le lona lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona. 35 “ ‘Lo se ka lwa dira tshiamololo mo tshekong ka selekanyo sa boleele le fa e le sa bokete gongwe sa seelo. 36 Lo nne le selekanyetso se se siameng le majwe a a supang bokete a a siameng le efa e e siameng le hina e e siameng; ke nna Morena, Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. 37 Tlhokomelang melao ya me yotlhe le ditshiamelo, lo dire ka tsona; ke nna Morena.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa