Levitiko 16 - Setswana 1970Letsatsi le legolo la thuanyo la ngwaga 1 Morena o ne a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi jale fa ba atamela fa pele ga Morena ka molelo o sele mo ba bileng ba swa. 2 Morena a raya Moše a re: “Raya Arone mogoloo o re, a se ka a tsena ka nako nngwe le nngwe mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka fa teng ga lesire fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole gore a se swe; gonne ke iponatsa ke le mo lerung godimo ga sekhurumelo sa thuanyo. 3 Arone a ka tsena fela mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka go tlhaba poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso; 4 a apare hempe e e boitshepo ya letseta le borokgwe jwa letseta, a bo tswale mo mmeleng wa gagwe, a ikgatlhe ka moikgatlho wa letseta, a rwale serwalo sa letseta; ke tsona diaparo tse di boitshepo. A a tlhape mmele, a di apare. 5 “Mo phuthegong ya Baiseraele a tsee diphoko di le pedi tsa setlhabelo sa boleo le phelehu e le nngwe ya setlhabelo sa phiso. 6 Jaanong Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe. 7 A be a tsee diphoko tse pedi, a di emise fa pele ga Morena fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. 8 Arone a be a tlhamele diphoko tse pedi ditengwa, tengwa e nngwe e nne ya Morena, tengwa e nngwe e nne ya ga Asasele. 9 Arone a be a atametse phoko e tengwa ya Morena e wetseng mo go yona, a e dire setlhabelo sa boleo. 10 Mme phoko e tengwa ya ga Asasele e wetseng mo go yona, a e emisiwe fa pele ga Morena e ntse e phela go dira tsa thuanyo mo go yona le go e lelekela go Asasele kwa sekakeng. 11 “Ke go re: Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a e tlhabe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe; 12 a be a tsee leiswana le tletse magala a a tswang mo aletareng fa pele ga Morena le bupe jwa matlhare a a nkgang monate bo tletse magofi a mabedi, a di ise ka fa teng ga lesire. 13 A ba a tshele tsa maswalo ao mo molelong fa pele ga Morena gore musi wa maswalo o bipe sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo gore a se swe. 14 A be a tsee madi mangwe a poana, a a kgatshe ka monwana wa gagwe mo sekhurumelong sa thuanyo ntlheng ya botlhabatsatsi, a be a kgatshe madi mangwe ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo. 15 “A be a tlhabe phoko ya setlhabelo sa boleo sa morafe, a be a ise madi mangwe a yona ka fa teng ga lesire, a dire ka madi a yona jaaka a dirile ka madi a poana, a a kgatshe mo sekhurumelong sa thuanyo le fa pele ga sona. 16 A direle Felo-fa-go-Boitshepotshepo thuanyo jalo ka ntlha ya maitshekologo a Baiseraele le ka ntlha ya ditlolo tsa bone ka fa maleong a bone a mefutafuta, le Tente ya Boipontsho e e nang nabo mo gare ga maitshekologo a bone a e direle jalo. 17 A go se nne motho ope mo Tenteng ya Boipontsho fa Arone a tsena go dira tsa thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo go ya a ba a tswe. A a ipatlele boitshwarelo jalo le ba lapa la gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele. 18 Jaanong a a tswele kwa aletareng e e fa pele ga Morena, a e direle thuanyo, a tsee madi mangwe a poana le a phoko, a a tshase mo dinakeng tsa aletare tikologong. 19 A be a kgatshe madi mangwe mo go yona gasupa ka monwana wa gagwe, a e itshekise, a e itshepise go tlosa maitshekologo a Baiseraele. 20 “A e re a sena go ruanya Felo-fa-go-Boitshepotshepo le Tente ya Boipontsho le aletare a atametse phoko e e phelang. 21 Arone a bee mabogo a mabedi mo tlhogong ya phoko e e phelang, mme mo godimo ga yona a ipobole melato yotlhe ya Baiseraele le ditlolo tsotlhe tsa bone ka fa dibeng tsotlhe tsa bone, a di bee mo tlhogong ya phoko, a be a e kgweeletse kwa sekakeng ka monna yo o laetsweng tiro e. 22 A phoko e rwale melato yotlhe ya bone jalo, e e tlosetse kwa lefatsheng le le senya; a kgweeletse phoko kwa sekakeng. 23 “Jaanong Arone a tsene mo Tenteng ya Boipontsho, a apole diaparo tsa letseta tse o neng a di apere, fa a tsena mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a di tlogele teng. 24 A be a tlhape mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ka metsi, a apare diaparo tsa gagwe; a be a tswe a dire setlhabelo sa phiso sa gagwe le setlhabelo sa phiso sa morafe, a itirele thuanyo le go e direla morafe. 25 A be a fise mafura a setlhabelo sa boleo mo aletareng. 26 Mme monna yo o kgweeditseng phoko ya ga Asasele, a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong. 27 Fa e le poana ya setlhabelo sa boleo le phoko ya setlhabelo sa boleo tse madi a tsona a tsetsweng go dira thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a ba di ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, ba fise matlalo a tsona le dinama tsa tsona le meswang ka molelo. 28 Mme yo o di fisitseng, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong. Letsatsi la thuanyo 29 “A go re jalo e nne molao o o sa khutleng wa lona: Ka kgwedi ya bosupa e le some lo ikokobetse; lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le motho wa mo gae gongwe moeng yo o lo agetseng. 30 Gonne ka letsatsi leo lo direlwa thuanyo go lo itshekisa, e le gore lo tlhapisiwe maleo otlhe a lona fa pele ga Morena. 31 A e nne letsatsi le legolo la boikhutso mo go lona, mme lo ikokobetse ka lone; ke molao o o sa khutleng. 32 Thuanyo e tla tshwanela go dirwa ke moperesiti yo mogolo yo o tla bong a tloditswe, a tlhomamisitswe mo tirong ya boperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, mme a apare diaparo tsa letseta tse di boitshepo. 33 A ruanye Felo-fa-go-Boitshepotshepo, a be a ruanye Tente ya Boipontsho le aletare; a be a direle baperesiti le batho botlhe ba phuthego thuanyo. 34 A go re jalo e nne molao o o sa khutleng mo go lona go direla Baiseraele thuanyo ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa bone gangwe ka ngwaga.” Mme Arone a dira jaaka Morena a laetse Moše. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa