Levitiko 12 - Setswana 1970Molao ka ga motsetsi 1 Morena a ba a raya Moše a re: 2 “Bua le Baiseraele o re: ‘E ne e re fa mosadi a ithwala, a ba a tshola mosimane, a nna a itshekologile malatsi a supa; ga a itsheka jaaka ka malatsi a mosese, fa a ipona. 3 Jaanong a ka letsatsi la robedi mosimanyana a rupisiwe. 4 Mme a mosadi a nne mo ntlong malatsi a le 33 a le mo mading a botsetsi, a se ka a ama sepe se se boitshepo le e seng go tla kwa Felong-ga-Boitshepo go ya go be go fete malatsi a phepafalo ya gagwe. 5 “ ‘Mme fa a tshola mosetsana, o tla bo a itshekologile beke di le pedi jaaka mo malatsing a mosese; a be a nne mo ntlong malatsi a le 66 a le mo mading a botsetsi. 6 “ ‘Mme e re malatsi a phepafalo ya gagwe a sena go feta, le fa e le a mosimane gongwe a mosetsana, a a tlise kwana ya ngwaga o le mongwe ya setlhabelo sa phiso le leebana gongwe lephoi la setlhabelo sa boleo, a di tlise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go moperesiti. 7 Jaanong a moperesiti a di tlhabele Morena, a direle mosadi thuanyo; foo o tla itsheka mading a botsetsi. Ke ona molao wa motsetsi, fa a tshotse mosimane gongwe mosetsana. 8 “ ‘Mme fa a palelwa ke go tlisa kwana a a tsee maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, lengwe e nne la setlhabelo sa phiso, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo; foo moperesiti o tla mo direla thuanyo, mme a itsheka.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa