Levitiko 1 - Setswana 1970Ka ga setlhabelo sa phiso 1 Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re: 2 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re fa mongwe wa lona a rata go tlisetsa Morena neo ya tlhabelo, gona lo tlise neo tsa tlhabelo tsa lona tse di tswang mo diruiweng, e bong mo dikgomong gongwe mo difutshaneng. 3 Fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa kgomo, a a tlise poo e e se nang bogole; a e ise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho gore a tle a natefele Morena. 4 A be a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa phiso; foo se tla lejwa ke Modimo ka kgatlhego mo boemong jwa gagwe, e le se se mmatlelang boitshwarelo. 5 Jaanong a tlhabe poo fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba tlise madi, ba a kgatshe mo aletareng tikologong e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho. 6 A be a bue setlhabelo sa phiso, a se kgaoganye dirwe. 7 Mme bomorwa Arone moperesiti ba gotse molelo mo aletareng, ba rulaganye dikgong mo molelong. 8 Bomorwa Arone baperesiti ba be ba rulaganye dirwe le tlhogo le lomipi mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. 9 Mme mala a yona le memomo ya yona a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a di fise tsotlhe mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. 10 “ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso e le ya difutshane, le fa e le ya dinku gongwe ya dipodi, a a tlise e tonanyana e e se nang bogole. 11 A be a e tlhabe fa thoko ga aletare ntlheng ya bokone fa pele ga Morena, mme bomorwa Arone, baperesiti, ba kgatshe madi a yona mo aletareng tikologong. 12 A be a e kgaoganye dirwe, mme moperesiti a di rulaganye mmogo le tlhogo ya yona le lomipi lwa yona mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo aletareng. 13 Mme mala le memomo a a di tlhatswe ka metsi, mme a moperesiti a di tlise tsotlhe, a di fise mo aletareng, e le setlhabelo sa phiso sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. 14 “ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso sa Morena e le ya dinonyane, gona a a tlise neo ya gagwe e le ya maphoi gongwe ya maebana. 15 A moperesiti a e ise kwa aletareng, a e soke tlhogo, a e fise mo aletareng, mme madi a yona a a gamolele mo lotlhakoreng lwa aletare. 16 A a tlose sejelo sa yona le diphafa tsa teng, a di latlhele fa thoko ga aletare ntlheng ya botlhabatsatsi mo felong ga molora. 17 Jaanong a a e robe diphuka, mme a se ka a di kgaola, mme moperesiti a e fise mo aletareng mo godimo ga dikgong tse di mo molelong, e le setlhabelo sa phiso, sa molelo, sa monko o o monate mo Moreneng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa