Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 9 - Setswana 1970


Phodiso ya sefofu

1 E rile Jesu a feta, a bona monna yo o tsetsweng e le sefofu.

2 Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Moruti, go leofile mang, a ke ene gongwe batsadi ba gagwe, fa a tsetswe e le sefofu jaana?”

3 Jesu a araba a re: “Ga a a leofa, le e seng batsadi ba gagwe. Go dirafetse jalo gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene.

4 Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona.

5 Fa ke sa le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.”

6 Ya re a sena go bua jalo, a kgwela fa fatshe, a duba seretse ka mathe, a tshasa matlho a sona ka seretse seo,

7 a se raya a re: “Yaa o tlhape mo bodibeng jwa Siloame!” (Mo phetolelong ke go re: Morongwa). A ya, a tlhapa, a boa a bona.

8 Jaanong ba ba agileng nae le ba ba mmonyeng pele e le mokopi ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a tlhola a nnetse go kopa?”

9 Ba bangwe ba re: “Ke ene;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, o tshwana le ene.” Mme ene a re: “Ke nna.”

10 Jaanong ba mmotsa ba re: “Matlho a gago a foufolotswe jang?”

11 A araba a re: “Motho yo o bidiwang Jesu o dubile seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Yaa kwa bodibeng jwa Siloame, o tlhape.’ Jaanong ka ya, mme ya re ke tlhapa, ka foufologa.”

12 Ba mo raya ba re: “O kae, yoo?” Ene a re: “Ga ke itse.”


Bafarisai ba botsolotsa sefofu

13 Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo o neng a foufetse pele.

14 Letsatsi le Jesu a dirileng seretse, a foufolola matlho a gagwe ka lone, e ne e le la Sabata.

15 Jaanong Bafarisai le bone ba mmotsa jalo ka fa a bonyeng pono ya gagwe ka teng. A ba raya a re: “O mpeile seretse mo matlhong, ka tlhapa, mme jaanong ke a bona.”

16 Ke fa bangwe ba Bafarisai ba re: “Monna yoo ga se wa Modimo; gonne ga a tshegetse Sabata.” Ba bangwe ba re: “Monna wa moleofi o ka kgona jang go dira ditshupo tse di ntseng jalo?” Ga nna kgaogano gare ga bone.

17 Ba be ba raya monna wa sefofu ba re: “Wena o a reng ka ga gagwe, ka e le foo o foufolotse matlho a gago?” Ene a re: “Ké moporofeti.”

18 Bajuta ba se ka ba dumela gore o ne a foufetse, mme o bonye pono ya gagwe, go fitlhelela ba bitse bagolo ba yo o foufologileng,

19 ba ba botsa ba re: “A yo ke morwaa-lona yo go tweng o tsetswe a foufetse? Jaanong o bona jang kajeno?”

20 Bagolo ba gagwe ba araba ba re: “Re itse fela gore yo ke morwaa-rona le gore o tsetswe a foufetse.

21 Mme ga re itse ka fa jaanong a bonang ka teng; le ene yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Mo ipoletseng, o godile, o tla ikarabela.”

22 Bagolo ba gagwe ba ne ba bua jalo, ka ba ne ba boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba setse ba dumalanye gore fa mongwe a ka mo ipolela gore ke Keresete, a kgaolwe mo senagogeng.

23 Ke gona ka moo bagolo ba gagwe ba rileng: “O godile, mo ipoletseng.”

24 Ba boa ba bitsa motho gape yo o neng a foufetse, ba mo raya ba re: “Tlotla Modimo fela. Rona re itse gore motho yoo ke moleofi.”

25 Ene a fetola a re: “Fa e le moleofi, ga ke itse; ke itse se le sengwe fela gore ke ne ke le sefofu, mme jaanong ke a bona.”

26 Ba boa ba mmotsa gape ba re: “O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?”

27 A ba araba a re: “Kana ke setse ke lo boleletse, mme ga lo a ka lwa utlwa. Lo batlelang go utlwa gape? A kampo le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?”

28 Ke fa ba mo kgoba ba re: “Ke wena morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše.

29 Re itse gore Modimo o buile le Moše; mme yoo, ga re itse gore o tswa kae.”

30 Monna yoo a ba araba a re: “Ke se se gakgamatsang, fa lo sa itse gore o tswa kae, etswe a mphoufolotse matlho.

31 Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa.

32 Go tswa tlholegong ga go ise go ke go utlwiwe ka gope gore mongwe o foufolotse matlho a yo o tsetsweng e le sefofu.

33 Fa yoo e ka bo e se wa Modimo, o ka bo a sa kgone go dira sepe.”

34 Ba mo araba ba re: “O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?” Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle.


Morena o kopana le sefofu se se foufologileng

35 Jesu a utlwela gore ba mo kgaotse senagogeng. Ya re a mmona, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?”

36 A araba a re: “Morena, ke mang, gore ke tle ke dumele mo go ene?”

37 Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.”

38 Yoo a re: “Morena, ke a dumela.” A ba a mo obamela.

39 Foo Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng gore ba ba sa boneng ba bone, mme ba ba bonang ba foufale.”

40 Bangwe ba Bafarisai ba ba nang nae, ya re ba utlwa dilo tseo, ba mo raya ba re: “A le rona re difofu?”

41 Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le difofu, lo ka bo lo se na boleo; jaanong ka lo re: ‘Lo a bona!’ boleo jwa lona ga bo tloge.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan