Johane 8 - Setswana 1970Mosadi wa seaka 1 Jaanong Jesu a ya kwa Thabeng ya Diolefa. 2 A ba a boela gape kwa Tempeleng ka moso go sa le phakela, mme batho botlhe ba tla kwa go ene, a dula, a ba ruta. 3 Foo Baitsedikwalo le Bafarisai ba tsisa go ene mosadi yo o tshwerweng mo boakeng. Ya re ba sena go mo emisa mo gare ga bone, 4 ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe, a akafala. 5 Mme Moše o re laetse mo molaong gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka majwe. Jaanong wena o a reng?” 6 Ba ne ba bua jalo, e le go mo lalela gore ba baane le se ba ka mmayang molato ka sona. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana fa fatshe. 7 Ya re ba tsweletse go mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o mo konopang ka lentswe.” 8 A boa a inama, a kwala fa fatshe. 9 Ya re ba utlwa, mme ba latofadiwa ke digakolodi tsa bone, ba tswa ka monokela go simolola ka bagolo go ya go wa bofelo, Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse a eme fa gare. 10 Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone ope, fa e se mosadi fela, a mo raya a re: “Mosadi, balatofatsi bale ba gago ba kae? A ga go ope yo o go atlhotseng?” 11 Yoo a re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a mo raya a re: “Le nna ga ke go atlhole. Tloga o tsamae, mme o se tlhole o leofa.” Jesu ke lesedi la lefatshe 12 Jesu a ba a bua nabo gape a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ka ke a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la bophelo.” 13 Ke fa Bafarisai ba mo raya ba re: “O supa ka ga gago fela, tshupo ya gago ga se ya nnete.” 14 Jesu a ba fetola a re: “Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me ke ya nnete; gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng, mme lona ga lo itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng. 15 Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16 Le fa nna nka atlhola, katlholo ya me e tla bo e le ya nnete; gonne ga ke nosi, ke nna le yo o nthomileng. 17 Le gona go kwadilwe mo molaong wa lona gore tshupo ya batho ba le babedi ke ya nnete. 18 Ke nna yo ke supang ka ga me, le Rara yo o nthomileng o supa ka ga me.” 19 Foo ba mo raya ba re: “Rraago o kae?” Jesu a araba a re: “Ga lo nkitse le fa e le Rre. Fa lo ka bo lo nkitse, le ene Rre lo ka bo lo mo itse.” 20 Mafoko a, o ne a a buela fa letloleng la dineo, a ruta mo Tempeleng; mme ga se ka ga nna ope yo o mo tshwarang, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle. Jesu le baganetsi ba gagwe 21 Jesu a boa a ba raya a re: “Ke a tsamaya; lo tla mpatla, mme lo tla swela mo dibeng tsa lona. Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng.” 22 Bajuta ba re: “A o tla ipolaya, fa a re: ‘Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng’?” 23 Jesu a ba raya a re: “Lona lo ba tlase, nna ke wa godimo; lona lo ba lefatshe leno, nna ga ke wa lefatshe leno. 24 Ke ka moo ke lo reileng ka re: Lo tla swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo dibeng tsa lona.” 25 Ba mo raya ba re: “Wena o mang?” Jesu a ba raya a re: “Ke sa le ene yo ke lo ipoleletseng mo tshimologong. 26 Ke na le dilo tse dintsi go di bolela ka ga lona le go di atlhola. Mme yo o nthomileng ke wa nnete, mme dilo tse ke di utlwileng mo go ene ke tsona tse ke di bolelelang lefatshe.” 27 Ga ba a ka ba lemoga gore o bua nabo ka ga Rara. 28 Jaanong Jesu a ba raya a re: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa-Motho, gona lo tla itse gore ke nna ena, le gore ga ke dire sepe ka bogame, mme ke bua dilo tse, jaaka Rre a nthutile. 29 Yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka gale tse di mo kgatlhang.” 30 Ya re a bua dilo tse, ba bantsi ba dumela mo go ene. Morwa Modimo o tlisa kgololesego 31 Jaanong Jesu a raya Bajuta ba ba mo dumetseng a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, lo bo lo le barutwa ba me ruri. 32 Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” 33 Ba mo fetola ba re: “Re bana ba ga Aborahame, ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. O bua jang, fa o re: ‘Lo tla gololesega’?” 34 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo. 35 Mme motlhanka ga a nne mo ntlong ka gale, mme Morwa ene o nna ka gale. 36 Fa jaanong Morwa a ka lo golola, lo tla bo lo gololesegile tota. 37 Ke itse gore lo bana ba ga Aborahame, mme lo batla go mpolaya, ka lefoko la me le se na bonno mo go lona. 38 Nna ke bua tse ke di bonyeng mo go Rre, le lona lo dira tse lo di utlwileng mo go rraeno.” 39 Ba mo araba ba re: “Rraetsho ke Aborahame.” Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le bana ba ga Aborahame, lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame. 40 Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna motho yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong; Aborahame ga a a ka a dira jalo. 41 Lona lo dira ditiro tsa ga rraeno.” Ba mo raya ba re: “Ga re a tsalwa ka boaka, re na le rraetsho a le mongwe fela, e bong Modimo.” 42 Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tswa kwa Modimong, ka tla. Ga ke a tla ka bogame, mme ke ona o o nthomileng. 43 Ke go reng, fa lo sa tlhaloganye puo ya me? Ke ka gonne lo palelwa ke go reetsa lefoko la me. 44 Lona lo tswa mo go rraeno Diabolo, lo bile lo rata go dira dikeletso tsa ga rraeno. Ene e ne e le mmolai wa batho go tswa tshimologong, ga a a ka a tlhomama mo boammaaruring; ka gonne ga go na boammaaruri bope mo go ene. Fa a bua maaka, o bua se ene a leng sona; gonne ke ene moaki le rraa-maaka. 45 Mme nna, e re ka ke bolela boammaaruri, ga lo ntumele. 46 Ke ofe wa lona yo o ka supang boleo mo go nna? Mme fa ke bua boammaaruri, ke eng lo sa ntumele? 47 Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; lona ga lo ba Modimo, ke ka moo lo sa a utlweng.” Aborahame le Jesu 48 Bajuta ba mo araba ba re: “A ga re bue nnete, fa re re, o Mosamaria, o bile o na le modemone?” 49 Jesu a fetola a re: “Nna ga ke na modemone, ke tlotla Rre, mme lona lo a ntlotlolola. 50 Nna ga ke ipatlele tlotlo, mme mongwe o teng yo o e batlang, yo o atlholang. 51 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa mongwe a ka dirisa lefoko la me, ga a ka ke a bona loso ka bosakhutleng.” 52 Bajuta ba mo raya ba re: “Jaanong re itse gore o na le modemone. Aborahame o sule, le baporofeti, mme wena o a re: ‘Fa motho a ka tshegetsa lefoko la me, ga a ka ke a utlwa loso ka bosakhutleng.’ 53 A wena o mogolo go Aborahame, rraetsho yo o suleng, le baporofeti ba sule? O itshema mang?” 54 Jesu a araba a re: “Fa nna ke ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe; Rre ke ene yo o nkgalaletsang, yo lo reng, ke Modimo wa lona. 55 Fela, ga lo mo itse; mme nna ke a mo itse. Fa nka bo ke re: Ga ke mo itse, nka bo ke tshwana le lona, ke le moaki; mme ke a mo itse, ke bile ke dirisa lefoko la gagwe. 56 Aborahame rraeno o ne a ipelela go tla bona letsatsi la me, a le bona, a ba a itumela.” 57 Ke fa Bajuta ba mo raya ba re: “Ga o ise o nne le dinyaga di le 50, o bonye Aborahame jang?” 58 Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Pele Aborahame a ise a tsalwe, nna ke ntse ke le teng.” 59 Foo ba sela majwe go mo konopa ka ona; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo Tempeleng, a ba raletse, a tsamaya. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa