Johane 7 - Setswana 1970Bomonnaa Jesu ga ba dumele 1 Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya. 2 Jaanong moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o le gaufi. 3 Ke fa bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea gore le barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang. 4 Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse mo lefatsheng.” 5 Gonne le bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene ka sebaka sele. 6 Jesu a ba raya a re: “Nako ya me ga e ise e tle, mme lona lo ka dira ka nako tsotlhe. 7 Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula. 8 A go ye lona kwa moletlong, nna ga ke ye kwa go ona jaanong; gonne nako ya me ga e ise e tlale.” 9 E rile a sena go bua dilo tseo nabo, a sala mo Galelea. Jesu o ya kwa Jerusalema 10 Ya re bomonnawe ba sena go ya, le ene a ya kwa moletlong, e se mo pepeneneng, mme e le mo sephiring. 11 Ke fa Bajuta ba mmatla mo moletlong ba re: “Yole o kae?” 12 Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: “O molemo;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, kana o timetsa batho.” 13 Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o buang ka ga gagwe ka phuthologo ka ntlha ya go boifa Bajuta. Jesu o emela thuto ya gagwe 14 E rile e setse e le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng, a ruta. 15 Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re: “Monna yo, o itse Dikwalo jang, etswe a sa rutwa?” 16 Jesu a ba araba a re: “Thuto ya me ga se ya me, ke ya yo o nthomileng. 17 Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela. 18 Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene. 19 A Moše ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?” 20 Batho ba araba ba re: “O a tsenwa; ke mang yo o batlang go go bolaya?” 21 Jesu a ba araba a re: “Ke dirile tiro e le nngwe fela, mme lo gakgametse lotlhe. 22 Moše o lo neile bogwera; – e se gore bo tswa mo go Moše, bo tswa mo go borraeno – mme lo a tle lo rupise motho ka letsatsi la Sabata. 23 Fa motho a rupisiwa ka Sabata, gore molao wa ga Moše o se dirololwe, ke eng fa lo nkgalefetse, fa ke fodisitse motho yotlhe ka Sabata? 24 Se atlholeng ka fa lo bonang; atlholang ka katlholo e e siameng.” Jesu ke mang? 25 Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re: “Yoo a ga se ene yo ba batlang go mmolaya? 26 Kana o bua ka phuthologo, mme ga ba mo ree sepe. A jaana ruri balaodi ga ba a lemoga, fa e le ene Keresete? 27 Mme re itse kwa monna yo a tlhagang teng; mme motlhang Keresete a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a tlhagang teng.” 28 Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo Tempeleng, a ruta a re: “A lo a nkitse, a lo itse kwa ke tswang teng? Kana ga ke a itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete, yo lo sa mo itseng. 29 Nna ke a mo itse; gonne ke fa go ene, e bile o nthomile.” 30 Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle. 31 Mme ba bantsi ba morafe ba dumela mo go ene, ba be ba re: “A fa Keresete a tla, o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo go tse monna yo a di dirileng?” Jesu le baganetsi ba gagwe 32 Ya re Bafarisai ba utlwa gore batho ba seba jalo ka ga gagwe, bone baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba roma batlhanka go mo tshwara. 33 Jaanong Jesu a re: “Ke sa na le lona ka bokhutshwanyane fela, mme ke ya go ene yo o nthomileng. 34 Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona; le gona kwa ke leng teng lona ga lo kgone go fitlha teng.” 35 Foo Bajuta ba raana ba re: “Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika? 36 Lefoko la reng, le a le buileng a re: ‘Lo tla mpatla, mme lo se ke lo mpone, le gona fa ke leng teng, lona ga lo kgone go fitlha teng’?” Jesu ke motswedi wa nnete 37 Ka letsatsi la bofelo, e le le legolo la moletlo, Jesu a bo a eme, a tsholetsa lentswe a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle go nna, a nwe! 38 Yo o dumelang mo go nna, ‘dinoka tsa metsi a a phelang di tla ela di tswa mo mmeleng wa gagwe,’ jaaka Dikwalo di buile.” 39 Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa o ba ba dumelang mo go ene ba tla o amogelang; gonne Mowa o o Boitshepo o ne o ise o nne teng, ka Jesu a ne a ise a galalediwe. Kganetsanyo ya Bajuta 40 Jaanong e rile bangwe mo bathong ba sena go utlwa mafoko ao, ba bua ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yole.” 41 Ba bangwe ba re: “Ke ene Keresete.” Ba bangwe ba re: “A Keresete a ka tswa kwa Galelea? 42 A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?” 43 Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka ga gagwe. 44 Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo. Go sa dumeleng ga ba Lekgotla 45 Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa mo tsisetseng?” 46 Batlhanka ba araba ba re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka motho yole.” 47 Bafarisai ba ba fetola ba re: “A le lona lo timeditswe? 48 A mongwe wa balaodi gongwe wa Bafarisai o dumetse mo go ene? 49 Kana morafe o, o o sa itseng molao, o hutsitswe!” 50 Nikotemo, mongwe wa bone yo o kileng a tla go ene, a ba raya a re: 51 “A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?” 52 Ba mo araba ba re: “A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea.” 53 Jaanong ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa