Johane 6 - Setswana 1970Jesu o jesa batho ba ba dikete tse tlhano ( Math. 14:13-21 ; Mar. 6:32-44 ; Luka 9:10-17 ) 1 E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia. 2 Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse a di dirileng mo balwetseng. 3 Jaanong Jesu a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng le barutwa ba gagwe. 4 Mme Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, ya bo e le gaufi. 5 Ya re Jesu a tsholetsa matlho, mme a bona bontsi jo bogolo bo tla go ene, a raya Filipo a re: “Re tla reka dinkgwe kae, gore bao ba je?” 6 Mme a bo a bua jalo, e le go mo leka fela; gonne ene ka esi o ne a itse se a tla se dirang. 7 Filipo a mo araba a re: “Dinkgwe tsa diranta di le 40 ga di ka ke tsa ba lekana, gore mongwe le mongwe a amogele go le gonnye.” 8 Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, a mo raya a re: 9 “Mosimane ke yo, o na le dinkgwe tse tlhano tsa garase le ditlhatswana tse pedi; mme tse e ka nna eng mo bontsing jo bo kana?” 10 Ke fa Jesu a re: “Nnisang batho fa fatshe!” Gona foo go ne go le bojang jo bontsi. Jaanong banna ba nna fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le dikete tse tlhano. 11 Jesu a ba a tsaya dinkgwe, a leboga, a di abela barutwa, mme barutwa ba di abela ba ba ntseng fa fatshe; le tsona ditlhatswana fela jalo, ka fa ba ratang ka teng. 12 Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang masadisa gore go se latlhege sepe.” 13 Ba a sela, ba tlatsa ditlatlana di le 12 ka masadisa a dinkgwe tse tlhano tsa garase a a setseng mo go ba ba jeleng. 14 Jaanong ya re batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: “Ammaaruri, ke ene moporofeti yo go tilweng o tla tla mo lefatsheng.” 15 Ya re ka Jesu a lemoga gore ba tla tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngwega, a boela gape kwa thabeng a le esi. Morena o tsamaya mo godimo ga letsha ( Math. 14:22-33 ; Mar. 6:45-52 ) 16 E rile go tshwara letlatlana, barutwa ba gagwe ba fologela kwa letsheng, 17 ba ya ba palama mokoro, ba tshela letsha go ya kwa Kaperenaume. Mme ga nna lefifi, Jesu a ise a be a tle go bone. 18 Jaanong letsha la huduiwa ke go foka ga phefo e kgolo. 19 Ya re ba tsweletse pele e ka nna dimaele tse tharo gongwe tse nne, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga letsha, a atamela mokoro; mme ba boifa. 20 Foo a ba raya a re: “Ke nna, se boifeng!” 21 Ke fa ba rata gore a palame mokoro, mme mokoro wa akofa wa fitlha kwa lefatsheng le ba yang go lone. Batho ba batla Jesu kwa Kaperenaume 22 Ka moso batho ba ba emeng kwa moseja ga letsha ba lemoga gore go ne go se na mokoro ope o sele, fa e se o le mongwe fela o barutwa ba ga Jesu ba neng ba o palama, le gore Jesu ga a ka a o palama le barutwa ba gagwe, mme barutwa ba gagwe ba tsamaile ba le bosi fela. 23 Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga. 24 Ya re jaanong batho ba bona fa Jesu a se teng le e seng barutwa ba gagwe, le bone ba palama mekoro, ba ya kwa Kaperenaume, go batla Jesu. Jesu ke senkgwe sa bophelo 25 Ya re ba mo fitlhela kwa moseja ga letsha, ba mmotsa ba re: “Moruti, o tlile leng kwano?” 26 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga lo mpatle ka gonne lo bonye ditshupo, mme ke ka gonne lo jele dinkgwe, lwa kgora. 27 Se tlhoafaleleng sejo se se nyelelang, mme lo tlhoafalele sejo se se nnelang go ya go fitlha bophelong jo bo sa khutleng, se Morwa-Motho o tla se lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mo kanneng.” 28 Ba mo raya ba re: “Re ka itheng gore re tlhoafalele ditiro tsa Modimo?” 29 Jesu a ba araba a re: “Tiro ya Modimo ke gore lo dumele mo go ene yo o romilweng ke ona.” 30 Ba mo raya ba re: “Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe? 31 Borraetsho ba jele Mmana kwa sekakeng, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘O ba file senkgwe se se tswang kwa legodimong go se ja.’ ” 32 Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga se Moše yo o lo fileng senkgwe se se tswang kwa legodimong, ke Rre yo o lo fang senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. 33 Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe bophelo.” 34 Ba mo raya ba re: “Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe.” 35 Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa. 36 Mme ke lo boleletse ka re: Go mpona lo mponye, mme ga lo dumele. 37 Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle. 38 Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng. 39 Mme thato ya yo o nthomileng ke go re, botlhe ba o ba nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke ope wa bone, mme bogolo ke be ke ba tsose ka letsatsi la bofelo. 40 Gonne thato ya ga Rre ke go re, mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a ba a dumela mo go ene, a nne le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tle ke mo tsose ka letsatsi la bofelo.” 41 Jaanong Bajuta ba mo ngongoregela, ka a rile: “Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong,” 42 ba re: “Yo a ga se Jesu, morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang jaanong fa a re: ‘Ke fologile kwa legodimong’?” 43 Jesu a ba fetola a re: “Se tlhotlheletsaneng go ngongorega. 44 Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna fa e se yo o gogwang ke Rara yo o nthomileng; mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo. 45 Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna. 46 Ga se go re motho mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong; ke ene yo o bonyeng Rara. 47 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna o na le bophelo jo bo sa khutleng. 48 Ke nna senkgwe sa bophelo. 49 Borraeno ba ne ba ja Mmana kwa sekakeng, mme ba sule. 50 Se ke sona senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. 51 Ke nna senkgwe se se phelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe se, o tla phela ka bosenabokhutlo; mme senkgwe se ke tla se abang ke nama ya me e ke tla e neelang losong gore lefatshe le tle le phele.” 52 Ya baa gona Bajuta ba ganetsanyang ba re: “Yo a ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?” 53 Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa je nama ya Morwa-Motho, lwa ba lwa nwa madi a gagwe, ga lo na bophelo mo teng ga lona. 54 Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo; 55 gonne nama ya me ke sejo tota, le madi a me ke seno tota. 56 Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna ke ntse mo go ene. 57 Yo o njang o tla phela ka ntlha ya me, jaaka Rara yo o phelang a nthomile, mme le nna ke phela ka ntlha ya ga Rara. 58 Se ke sona senkgwe se se fologileng kwa legodimong, e seng jaaka borraeno ba ne ba ja, mme ba swa. Yo o jang senkgwe se o tla phela ka bosakhutleng.” 59 Dilo tse o di buile, fa a ruta mo senagogeng kwa Kaperenaume. Tenego ya barutwa, maipolelo a ga Petoro 60 E rile jaanong ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba utlwa, ba re: “Lefoko le, le thata; ke mang yo o ka le utlwelelang?” 61 Ya re ka Jesu a itse ka bogagagwe gore barutwa ba gagwe ba ngongoregela seo, a ba raya a re: “A seo se a lo kgopisa? 62 Jaanong lo tla reng fa lo bona Morwa-Motho a tlhatlogela kwa a neng a le teng pele? 63 Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo. 64 Mme go na le bangwe mo go lona ba ba sa dumeleng.” Jesu o ne a itse go tloga tshimologong gore ba ba sa dumeleng ke bomang, le gore yo o tla mo tshwarisang ke mang. 65 A boa a re: “Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara.” 66 Go tloga foo ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba boela kwa morago, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. 67 Jaanong Jesu a raya ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaya?” 68 Simone Petoro a mo araba a re: “Morena, re tla ya go mang? Wena o na le mafoko a bophelo jo bo sa khutleng; 69 mme re dumetse, re bile re itse gore ke wena Moitshepi wa Modimo.” 70 Jesu a ba araba a re: “A ga ke a lo itlhaolela lo le 12? Mme mongwe wa lona ke Diabolo.” 71 O ne a raya Jutase Isekariote, morwa Simone; gonne e ne e le ene yo o tla mo tshwarisang, e le mongwe wa ba ba 12. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa