Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 5 - Setswana 1970


Phodiso ya molwetse wa kwa Bethesta ka Sabata

1 Morago ga tseo ga nna moletlo mongwe wa Bajuta, mme Jesu a ya Jerusalema.

2 Jaanong go na le bodiba mo Jerusalema fa Kgorong ya Dinku jo bo bidiwang Bethesta ka Sehebere, bo na le maobo a le matlhano.

3 Mo go ona go ne go letse balwetse ba bantsi le difofu le batlhotsi le baomeledi, ba ntse ba letetse kgobero ya metsi.

4 Gonne moengele o ne a tle a fologele mo bodibeng ka dinako tse dingwe, a hudue metsi; yo jaanong a tsenang pele, metsi a sena go huduiwa, a fole, le fa e ka nna bolwetse bofe jo bo mo tshwereng.

5 Jaanong go ne go le motho mongwe teng yo e setseng e le dinyaga di le 38 a ntse a lwala.

6 E rile Jesu a mmona a letse, mme a utlwa gore ga a bolo go nna jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?”

7 Molwetse a mo araba a re: “Morena, ga ke na motho ope yo o ka ntsenyang mo bodibeng, fa metsi a huduiwa; e a re ke sa ntse ke tla, go fologele yo mongwe pele ga me.”

8 Jesu a mo raya a re: “Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae!”

9 Ke fa motho yoo a fola e sa le ka nako eo, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Mme letsatsi leo e le la Sabata.

10 Ya baa gona Bajuta ba rayang yo o fodisitsweng ba re: “Ke Sabata; ga go a letlelelwa gore o rwale bolao.”

11 Yoo a ba fetola a re: “Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago, o tsamae.’ ”

12 Ba mmotsa ba re: “Motho yoo ke mang yo o go reileng a re: ‘Bo tsee o tsamae’?”

13 Mme yo o fodisitsweng o ne a sa mo itse; gonne Jesu o ne a ngwangwaetse, go le batho ba bantsi mo felong foo.

14 Morago ga moo Jesu a mmona mo Tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodile; o se tlhole o leofa, gore se se bosula bogolo se se go dirafalele.”

15 Motho yoo a ya a bolelela Bajuta gore ke Jesu yo o mo fodisitseng.

16 Ka ntlha ya moo Bajuta ba tlhomara Jesu, ba batla go mmolaya, ka a dirile dilo tseo ka Sabata.

17 Jesu a ba fetola a re: “Rre o sa dira le ka nako eno, le nna ke a dira.”

18 Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba ne ba batla bogolo go mmolaya, e seng fela ka a sentse Sabata, mme le gona e le ka a rile, Modimo ke rraagwe, a itekanya le Modimo.


Modimo Rara le Morwa

19 Ya baa gona Jesu a ba fetolang a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Morwa o palelwa ke go dira sengwe ka bogagagwe, fa a sa bone Rara a se dira; gonne tse ene o di dirang, Morwa le ene o di dira jalo.

20 Kana Rara o rata Morwa, o mmontsha tsotlhe tse o di dirang, e bile o tla mmontsha ditiro tse dikgolo bogolo go tse gore lo gakgamale.

21 Gonne Morwa o phedisa ba o ratang go ba phedisa, jaaka Rara a tsosa baswi, a ba phedisa.

22 Le gona Rara ga a atlhole ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa

23 gore botlhe ba tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa, ga a tlotle Rara yo o mo romileng.

24 “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o utlwang lefoko la me, a dumela ene yo o nthomileng, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme ga a tsene mo katlholong; o dule mo losong, a tshelela botshelong.

25 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo ka yona, mme ba ba le utlwang ba tla phela.

26 Gonne Rara o neile Morwa go nna le bophelo mo go ene ka esi, jaaka ene a na le botshelo mo go ene ka esi.

27 O bile o mo neetse thata ya go atlhola, ka e le ene Morwa-Motho.

28 Se gakgamaleleng moo; gonne nako e e tla e botlhe ba ba mo diphupung ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yona.

29 Ba tla tswa, ba ba dirileng tse di molemo go ya tsogong ya bophelo, ba ba dirileng tse di bosula bone go ya tsogong ya katlholo.


Boipolelo jwa ga Jesu

30 “Ga nka ke ka dira sepe ka bogame. Ke atlhola ka fa ke utlwang ka teng, mme katlholo ya me ke ya tshiamo; gonne ga ke batle thato ya me, ke batla thato ya yo o nthomileng.

31 “Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e ka se nne nnete.

32 Ke o sele yo o supang ka ga me, mme ke itse gore tshupo e o e supang ka ga me ke nnete.

33 Lo romile batho kwa go Johane, mme o supile boammaaruri.

34 Nna ga ke amogele tshupo mo mothong, mme dilo tse ke di bua gore lo pholosiwe.

35 Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang, mme lona lo ne lwa rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana fela.

36 “Nna ke na le tshupo e e fetang ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsona ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me gore Rara o nthomile.

37 Rara yo o nthomileng le ene o supile ka ga me. Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka motlha ope, le fa e le go bona gore o ntse jang.

38 Le Lefoko la gagwe ga le nne mo go lona; gonne ga lo dumele yo a mo romileng.

39 Lo batlisisa Dikwalo; gonne lo itlhoma lo ka nna le botshelo jo bo sa khutleng ka tsona, e tswe e le tsona tse di supang ka ga me.

40 Mme lo gana go tla kwa go nna, gore lo tle lo nne le bophelo.

41 “Ga ke newe tlotlo ke batho.

42 Mme ke itse gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona.

43 Nna ke tsile mo leineng la ga Rre, mme ga lo ntshole; fa o sele a ka itlela ka leina la gagwe, ene lo tla mo tshola.

44 Lo ka dumela jang lona ba lo tlotlanang, mme tlotlo e e tswang mo Modimong o le osi yona lo sa e batle?

45 Lo se ka lwa gopola gore nna ke tla lo baya molato mo go Rara. Moše ke ene yo o lo bayang molato, yo lo solofetseng mo go ene.

46 Gonne fa lo ka bo lo dumetse Moše, le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne ene o kwadile ka ga me.

47 Mme fa lo sa dumele dikwalo tsa gagwe, mafoko a me lo ka a dumela jang?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan