Johane 4 - Setswana 1970Jesu fa sedibeng sa ga Jakobe kwa Samaria 1 E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane, 2 – le fa Jesu ka esi a ne a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – 3 a tloga mo Jutea, a ba a boela kwa Galelea. 4 Mme o ne a tshwanetse go ralala Samaria. 5 Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria o o bidiwang Sigare, gaufi le tshimo e Jakobe a neng a e file Josefa morwawe. 6 Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare. 7 Ga tla mosadi wa Samaria go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Mphe ke nwe!” 8 Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng go reka dijo. 9 Jaanong mosadi wa Mosamaria a mo raya a re: “Wena yo o leng Mojuta o ka kopa jang metsi mo go nna ke le mosadi wa Mosamaria?” A re jalo ka gonne Bajuta ba ne ba sa tsalane le Basamaria. 10 Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.” 11 Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na segelelo, mme sediba se boteng; metsi a a phelang o ka a tsaya kae? 12 A o mogolo go rraetsho Jakobe yo o re neileng sediba se, yo o neng a nwa mo go sona ka esi le bomorwawe le diruiwa tsa gagwe?” 13 Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla nyorwa gape; 14 mme yo o ka nwang metsi a nna ke tla a mo nayang, ga a ka ke a tlhola a nyorwa ka bosenabokhutlo; mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna motswedi mo go ene o o elelang go isa bophelong jo bo sa khutleng.” 15 Mosadi a mo raya a re: “Morena, a o ko o mphe metsi ao, gore ke se tlhole ke nyorwa, le e seng go tla kwano go ga.” 16 Jesu a mo raya a re: “Yaa o bitse monna wa gago, lo tle kwano!” 17 Mosadi a fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, fa o re, ga o na monna; 18 gonne ke banna ba batlhano ba ba neng ba go nyala, mme yo ò nang nae kajeno ga se monna wa gago; moo o buile nnete.” 19 Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti. 20 Borraetsho ba ne ba obamela mo thabeng e, mme lona lo a re: Jerusalema ke felogosi fa go tshwanetseng ga obamelwa teng.” 21 Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o ntumele, nako e e tla e lo se kitlang lo obamela Rara ka yona mo thabeng e, le fa e le kwa Jerusalema. 22 Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng. 23 Mme nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baobamedi ba nnete ba tla obamelang Rara ka yona ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla baobamedi ba ba ntseng jalo. 24 Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go o obamela ka Mowa le ka boammaaruri.” 25 Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.” 26 Jesu a mo raya a re: “Ke nna yo ke buang nao.” 27 Ke fa barutwa ba gagwe ba tla; mme ba gakgamala, ka a bua le mosadi. Le fa go ntse jalo ga se ka ga nna ope yo o reng: “Ò batlang?” gongwe go Jesu: “O buelang nae?” 28 Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motseng, a raya batho a re: 29 “Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?” 30 Ba tswa mo motseng, ba tla go ene. 31 Barutwa ba sala ba mo rapela ba re: “Moruti, a o ko o je!” 32 Ene a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.” 33 Jaanong barutwa ba botsanya ba re: “A mongwe o mo tsiseditse dijo?” 34 Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe. 35 A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi tse nne go ya thobong’? Bonang, ke lo raya ke re: Tsholetsang matlho, lo lebe masimo; gonne a setse a sweufaletse thobo. 36 Yo o robang o amogela tuelo, mme leungo o le phuthela bophelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang a itumele mmogo le yo o robang. 37 Gonne fano lefoko le le reng: ‘Mongwe o a jwala, yo mongwe o a roba,’ ke la nnete. 38 Ke lo romile go roba fa lo ne lo sa dira teng; go dirile ba bangwe, mme lona lo tsenye mo tirong tsa bone.” 39 Basamaria ba bantsi ba motse oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo o supileng a re: “O mpoleletse tsotlhe tse ke di dirileng.” 40 E rile jaanong Basamaria ba tla go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo. A tlhola teng malatsi a le mabedi. 41 Ga ba ga dumela ba bantsi go feta ba pele ka ntlha ya lefoko la gagwe. 42 Ba raya mosadi ba re: “Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe.” Jesu o mo Galelea. Phodiso ya morwa tona ya kgosi 43 Morago ga malatsi a mabedi a tswa teng, a ya kwa Galelea; 44 gonne Jesu ka esi o ne a supile gore moporofeti ga a na tlotlo epe mo lefatsheng la ga gabo. 45 E rile jaanong a fitlha kwa Galelea, Bagalelea ba mo tshola, ka ba bonye tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema mo moletlong; gonne le bone ba ne ba ile moletlong. 46 Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume. 47 E rile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa Jutea, mme o tsile kwa Galelea, a ya go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. 48 Jaanong Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo dumele ka gope.” 49 Tona ya mo raya ya re: “Morena, a o ko o tle, ngwanake a ise a swe.” 50 Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, morwao o phedile.” Motho yoo a dumela lefoko le Jesu a le mo rayang, a ba a tsamaya. 51 Ya re a sa ntse a le mo tseleng, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba mmolelela gore morwawe o phedile. 52 Foo a ba botsa nako e o fodileng ka yona. Ke fa ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya motshegare go fisa ga mo tlogela.” 53 Jaanong rraagwe a lemoga gore ke yona nako e Jesu a mo reileng ka yona a re: “Morwao o phedile.” Mme a dumela le ba lapa la gagwe botlhe. 54 Sesupo seo ke sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tswa kwa Jutea, a ya kwa Galelea. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa