Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 3 - Setswana 1970


Puisanyo ya ga Jesu le Nikotemo

1 Go ne go le motho wa Bafarisai yo o bidiwang Nikotemo, mongwe wa lekgotla la Bajuta.

2 Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: “Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae.”

3 Jesu a mo araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe go tswa godimo, ga a ka ke a lemoga puso ya Modimo.”

4 Nikotemo a mo fetola a re: “Motho yo o godileng a ka tsalwa jang? A a ka ba a tsena la bobedi mo mmeleng wa ga mmaagwe, a boa a tsalwa?”

5 Jesu a araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo pusong ya Modimo.

6 Se se tsetsweng ke nama, ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa, ke mowa.

7 O se gakgamale, fa ke go reile ka re: Lo tshwanetse go tsalwa go tswa godimo.

8 Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa mosumo wa yona, mme ga o itse kwa e tswang teng le kwa e yang teng. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.”

9 Nikotemo a mo fetola a re: “Dilo tse, di ka dirafala jang?”

10 Jesu a mo araba a re: “O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye?

11 Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Re bolela se re se itseng, re bile re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona.

12 Fa ke lo boleletse dilo tsa lefatshe, mme lo sa dumele, lo ka dumela jang, fa ke lo bolelela tsa legodimo?

13 Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong.

14 “Mme Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa, jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa sekakeng,

15 gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene, a se latlhege, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng.

16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng.

17 Kana Modimo ga o a roma Morwaa-ona mo lefatsheng gore a atlhole lefatshe, mme e le gore lefatshe le pholosiwe ka ene.

18 “Yo o dumelang mo go ene ga a atlholwe. Yo o sa dumeleng o setse a atlhotswe, ka a se ka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.

19 Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.

20 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa.

21 Mme yo o dirang boammaaruri o tla kwa leseding gore ditiro tsa gagwe di bonatsege gore di dirilwe ka Modimo.”


Jesu o mo Jutea. Tshupo ya Mokolobetsi

22 Morago ga dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba fitlha mo lefatsheng la Jutea; a nna nabo teng, a ba a kolobetsa.

23 Johane le ene o ne a kolobetsa kwa Enone, gaufi le Salime; gonne metsi a ne a le mantsi teng, mme batho ba ya teng, ba kolobediwa.

24 Gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo.

25 Jaanong ga tsoga kganetsanyo fa gare ga barutwa ba ga Johane le Mojuta mongwe ka ga phepafatso.

26 Ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Moruti, yo o neng a na nao kwa moseja ga Joretane, yo ò supileng ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme botlhe ba ya go ene.”

27 Johane a araba a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a sa se newa ke Modimo.

28 Lona ka losi lo basupi ba me ba gore ke boletse ka re: ‘Nna ga ke Keresete, mme ke romilwe go mo etelela pela fela.’

29 Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong.

30 Ene o tshwanetse go gola, mme nna ka ngotlafala.


Yo o tswang kwa godimo le yo o tswang lefatsheng

31 “Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe. Yo o tswang mo lefatsheng ke wa lefatshe, o bile o bua ka ga lefatshe. Yo o tswang kwa legodimong o godimo ga botlhe.

32 Se o se bonyeng, a ba a se utlwa, ke sona se a se supang; mme tshupo ya gagwe ga e amogelwe ke ope.

33 Yo o amogetseng tshupo ya gagwe o tlhomamisitse gore Modimo o boammaaruri.

34 Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne o aba Mowa kwa ntle ga selekanyo.

35 Rara o rata Morwa, mme dilo tsotlhe o di tsentse mo seatleng sa gagwe.

36 Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan