Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 21 - Setswana 1970


Jesu le barutwa ba gagwe fa letsheng la Tiberia

1 Morago ga dilo tseo Jesu a iponatsa gape barutweng ba gagwe fa letsheng la Tiberia, a iponatsa jaana:

2 Go ne go le Simone Petoro le Thomase yo o bidiwang Lefatlha le Nathanaele wa Kana wa Galelea le bomorwa Sebeteo le ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba le mmogo.

3 Simone Petoro a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba tswa ba ya ba palama mokoro; mme ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo.

4 Ya re e setse e le mo mosong, Jesu a ema fa losing lwa letsha, fela barutwa ba se ka ba itse fa e le Jesu.

5 Jesu a ba botsa a re: “Banaka, a ga lo na sešabo?” Ba mo araba ba re: “Nnyaya.”

6 A ba raya a re: “Digelang letloa ntlheng ya le le jang ya mokoro, mme lo tla tshwara.” Ya re ba dira jalo, ba se ka ba tlhola ba kgona go le goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi.

7 Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a raya Petoro a re: “Ke Morena.” Ya re Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a ikgatlha ka kobo e kgolo, ka a ne a sa apara, a ba a tlolela mo letsheng.

8 Mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro; gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka nna dikgato di le 100, ba goga letloa la ditlhapi.

9 Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng, ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi di besitswe mo go ona le senkgwe.

10 Jesu a ba raya a re: “Tsisang ditlhapi tse dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong.”

11 Simone Petoro a palama mokoro, a gogela letloa kwa lefatsheng, le tletse ditlhapi tse dikgolo di le 153; mme le fa di ne di le kalo, letloa la se ka la gagoga.

12 Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo fitlhole.” Mme go ne go se ope wa barutwa yo o betang pelo go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse gore ke Morena.

13 Jaanong Jesu a tla a tsaya senkgwe, a se ba naya, le ditlhapi jalo.

14 E ne e setse e le la boraro Jesu a iponatsa go barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing.


Jesu o busetsa Petoro mo boapostolong

15 E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: “Simone, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me!”

16 A boa a mmotsa lwa bobedi a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Disa dinku tsa me!”

17 A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?” Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me!

18 Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: E rile o sa le yo mošwa, wa itlama, wa itsamaela kwa o ratang teng; mme e tla re o sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o sa go rateng.”

19 O ne a bua jalo go supa gore o tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshale morago!”


Mafoko ka ga Johane

20 Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?”

21 Ya re Petoro a mmona, a botsa Jesu a re: “Morena, go tla nna jang ka ga yo?”

22 Jesu a mo araba a re: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng? Wena ntshale morago!”

23 Ka moo ga tuma mo bakaulengweng polelo e e reng: Morutwa yoo ga a nke a swa. Fela Jesu ga a a ka a mo raya a re: “Ga a nke a swa,” mme o rile: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng?”


Mafoko a bofelo

24 Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri.

25 Le gona go na le dilo tse dintsi di sele tse Jesu a di dirileng, tse e ka reng fa di ka bo di kwadilwe ka tatelano, ke gopola gore lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan