Johane 2 - Setswana 1970Ponatso ya ntlha ya kgalalelo ya Morena mo lenyalong la kwa Kana 1 Ka letsatsi la boraro go ne go le lenyalo kwa Kana wa Galelea, mma Jesu a le teng. 2 Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe. 3 Jaanong ya re weine e tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na weine.” 4 Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke tlhakanetseng nao? Nako ya me ga e ise e tle.” 5 Mmaagwe a raya badiredi a re: “Se a ka se lo rayang, lo se dire.” 6 Jaanong ga bo go le ditsaga tsa majwe di le thataro, tse di beilweng ka fa mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, nngwe le nngwe e ka tshola dikgamelo di le tlhano gongwe di supa. 7 Jesu a ba raya a re: “Tlatsang ditsaga tseo metsi!” Ba di tshela, tsa ba tsa tlala. 8 Jaanong a ba raya a re: “Gayang jaanong, lo ise kwa go morulaganyi wa modiro.” Ba a isa. 9 Ya re morulaganyi wa modiro a utlwa metsi a a fetogileng weine, a sa itse kwa e tswang teng, go itse badiredi fela ba ba gileng metsi, a bitsa monyadi, 10 a mo raya a re: “Motho mongwe le mongwe o a tle a ntshe weine e e monate pele, mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe e e seng monate. Wena o bolokile weine e e monate go fitlha jaanong.” 11 Sesupo seo sa ntlha Jesu o se dirile kwa Kana wa Galelea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene. Jesu mo Tempeleng ( Math. 21:12-17 ; Mar. 11:15-18 ; Luka 19:45-48 ) 12 Morago ga moo a ya kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe le bomonnawe le barutwa ba gagwe, ba tlhola teng malatsi a se kae. 13 Jaanong Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a ya kwa Jerusalema. 14 A fitlhela ba ba rekisang dikgomo le dinku le maeba le baananyi ba madi ba ntse mo Tempeleng. 15 Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola. 16 A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: “Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” 17 Foo barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe ga twe: “Go tlhoafalela Ntlo ya gago go tla nja.” 18 Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe gore ò ka dira dilo tseo?” 19 Jesu a ba araba a re: “Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo.” 20 Foo Bajuta ba re: “Tempele e, e agilwe dinyaga di le 46, mme ke eng fa wena o re, o tla e tsosa ka malatsi a le mararo?” 21 Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe. 22 Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, ba be ba dumela Lokwalo le lefoko le Jesu a le buileng. Jesu o itse se se mo mothong 23 E rile a le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo, batho ba bantsi ba dumela mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse a ntseng a di dira. 24 Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe, 25 a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa