Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 19 - Setswana 1970

1 Ya baa gona Pilato a tsayang Jesu, a mo seola.

2 Batlhabani ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e khibidu,

3 ba mo atamela ba re: “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba be ba mo faphola.

4 Foo Pilato a tswela gape kwa ntle, a ba raya a re: “Bonang, ke mo ntshetsa go lona gore lo itse, fa ke sa bone molato ope mo go ene.”

5 Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu. Pilato a ba raya a re: “A motho! Bonang, motho!”

6 Ya re baperesiti ba bagolo le batlhanka ba mmona, ba goa ba re: “Mmapole, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “Mo tseeng ka losi, lo mmapole; gonne nna ga ke bone molato mo go ene.”

7 Bajuta ba mo fetola ba re: “Re na le molao, mme ka fa molaong wa rona o tshwanetse go swa; gonne o itshemile Morwa Modimo.”

8 Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa go feta pele.

9 A boa a tsena mo kagong ya molaodi, a botsa Jesu a re: “O tswa kae?” Mme Jesu a se ka a mo naya karabo.

10 Pilato a mo raya a re: “A ga o bue le nna? A ga o itse gore ke na le thata ya go go golola le thata ya go go bapola?”

11 Jesu a araba a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e newa e tswa kwa godimo; ka moo, yo o go nneetseng o na le boleo jo bogolo bogolo.”

12 Foo Pilato a batla go mo golola; mme Bajuta ba goa ba re: “Fa o golola monna yo, o tla bo o se tsala ya ga Kaisara; mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o lwa le Kaisara.”

13 Ya re Pilato a sena go utlwa lefoko leo, a ntshetsa Jesu kwa ntle, a nna mo sedulong sa katlholo mo felong fa go bidiwang Bodilo jwa matlapa, ka Sehebere go twe: “Gabatha”.

14 E ne e le letsatsi la iketleetso ya Tlolaganyo, e ka nna nako ya motshegare. Pilato a raya Bajuta a re: “Bonang, Kgosi ya lona ke e!”

15 Ke fa bone ba goa ba re: “Mo tlose, mo tlose, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “A ke bapole kgosi ya lona?” Baperesiti ba bagolo ba araba ba re: “Ga re na kgosi, fa e se Kaisara.”

16 Ya baa gona a mo ba neelang gore a bapolwe. Ba tsaya Jesu, ba tsamaya ka ene.


Jesu o a bapolwa
( Math. 27:31-50 ; Mar. 15:20-37 ; Luka 23:26-46 )

17 Ke fa a tswa a sikere sefapaano sa gagwe, a ya felong fa go bidiwang Felo-ga-logata, ka Sehebere go twe: “Golegotha”.

18 Ba mmapolela teng mmogo le bangwe ba le babedi, mongwe ka fa, yo mongwe ka fa, Jesu a le fa gare.

19 Pilato a kwala sekwalo, a se tlhomela mo sefapaanong; go ne go kwadilwe ga twe: “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.”

20 Bajuta ba bantsi ba buisa sekwalo seo; gonne felo fa Jesu a neng a bapoletswe teng go ne go le gaufi le motse. Le gona se ne se kwadilwe ka Sehebere le Seroma le Segerika.

21 Foo baperesiti ba bagolo ba Bajuta ba raya Pilato ba re: “Se re: ‘Kgosi ya Bajuta’ kwala gore ke ene a rileng: ‘Ke nna Kgosi ya Bajuta.’ ”

22 Pilato a fetola a re: “Se ke se kwadileng ke se kwadile.”

23 Jaanong ya re batlhabani ba sena go bapola Jesu, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba di kgaoganya dikarolo tse nne gore motlhabani mongwe le mongwe a bone kabelo e le nngwe, le yona kobo; kobo eo e ne e se na moroko, e logilwe gotlhe go simolola kwa godimo.

24 Ke fa ba raana ba re: “A re se e gagoleng; a re e tlhameleng tengwa, re tle re itse gore e ka nna ya ga mang.” E ne e le gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: “Ba kgaoganye diaparo tsa me, mme kobo ya me ba e tlhametse tengwa.” Ke tsona tse batlhabani ba di dirileng.

25 Gaufi le sefapaano sa ga Jesu ga bo go eme mmaagwe le monnaa mmaagwe le Maria, mosadi wa ga Keleopa, le Maria Magtalena.

26 Ya re Jesu a bona mmaagwe le morutwa yo a mo ratang a eme gaufi, a raya mmaagwe a re: “Mosadi, bona morwao ke yoo!”

27 A ba a raya morutwa a re: “Bona, mmaago ke yoo!” Go tloga ka nako eo morutwa yoo a mo tsholela kwa ga gagwe.


Loso lwa ga Jesu

28 Morago ga moo, ka Jesu a itse gore tsotlhe di setse di weditswe gore Lokwalo lo dirafadiwe gotlhe, a re: “Ke nyorilwe!”

29 Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e tletseng motatsa, ba ina ngami mo motatseng, ba e tlhomela thupeng ya mosiama, ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe.

30 Ya re Jesu a sena go amogela motatsa, a re: “Go weditswe!” A ba a oba tlhogo, a ntsha mowa.


Motlhabani o tlhaba letlhakore la ga Jesu

31 Jaanong e re ka e le letsatsi la iketleetso, Bajuta ba kopa Pilato gore memomo ya bone e rojwe, mme ba pagololwe gore direpa di se nne mo difapaanong ka Sabata; gonne letsatsi la Sabata yoo e ne e le le legolo.

32 Jaanong ga tla batlhabani, ba roba memomo ya wa ntlha le ya yo mongwe yo o neng a bapotswe nae.

33 Ya re ba tla fa go Jesu, mme ba fitlhela a setse a sule, ba se ka ba roba memomo ya gagwe.

34 Mme mongwe wa batlhabani a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, ga akofa ga tswa madi le metsi.

35 Ene yo o bonyeng o supile, mme tshupo ya gagwe ke boammaaruri, o bile o itse gore o bua tsa boammaaruri gore le lona lo dumele.

36 Gonne dilo tseo di dirafetse gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: “Go se ka ga rojwa lesapo lepe la gagwe.”

37 Gape Lokwalo lo longwe lo a re: “Ba tla leba ene yo ba mo tlhabileng.”


Phitlho ya ga Jesu
( Math. 27:57-61 ; Mar. 15:42-47 ; Luka 23:50-55 )

38 Morago ga dilo tseo Josefa wa Arimathea yo e neng e le morutwa wa ga Jesu, mme a itobile ka ntlha ya go boifa Bajuta, a kopa Pilato go mo letlelela gore a tlose serepa sa ga Jesu. Pilato a mo dumelela. Jaanong a ya a tlosa serepa sa gagwe.

39 Nikotemo le ene yo o kileng a tla go Jesu bosigo, a tla a tshotse motswako wa setlolo sa mera le mokgwapha, e ka nna wa bokete jwa diponto di le 100.

40 Jaanong ba tsaya serepa sa ga Jesu, ba se thathelela le ditlolo tse di nkgang monate ka masela a letseta ka mokgwa o Bajuta ba fitlhang ka ona.

41 Ga bo go le tshimo fa Jesu a bapoletsweng teng, mme lebitla le lešwa le le teng mo tshimong eo, le go iseng go ke go ladiwe ope mo go lone.

42 Jaanong ba latsa Jesu teng ka ntlha ya letsatsi la iketleetso la Bajuta; gonne lebitla leo le ne le le gaufi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan