Johane 18 - Setswana 1970Jesu o a tshwarwa ( Math. 26:46-56 ; Mar. 14:43-52 ; Luka 22:47-53 ) 1 E rile Jesu a sena go bua dilo tseo, a tswa le barutwa ba gagwe, a tshela molatswana wa Kiterone; teng go ne go le tshimo, a tsena mo go yona le barutwa ba gagwe. 2 Jutase yo o neng a mo tshwarisa le ene a itse felo foo; gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba atisitse go phuthegela teng. 3 Jaanong Jutase a tsaya lesomo la batlhabani le batlhanka ba baperesiti ba bagolo le ba Bafarisai, ba fitlha teng ka dirumola le dipone le dibolai. 4 Ya re ka Jesu a itse tsotlhe tse di tla mo tlelang, a tswa, a ba raya a re: “Lo batla mang?” 5 Ba mo araba ba re: “Re batla Jesu wa Nasaretha.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna.” Le Jutase yo o mo tshwarisang a bo a eme nabo. 6 E rile jaanong a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe. 7 A ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba re: “Jesu wa Nasaretha.” 8 Jesu a fetola a re: “Ke lo boleletse gore ke nna. Fa e fela lo batla nna, lesang ba, ba tsamae;” 9 e le gore go dirafale lefoko le a le buileng a re: “Ga ke a latlhegelwa ke ope wa bone ba ò ba nneileng.” Petoro o tlhabanela Jesu ( Math. 26:51-54 ; Mar. 14:47 ; Luka 22:49-51 ) 10 Jaanong Simone Petoro o ne a tshotse tšhaka, a e somola, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang; leina la motlhanka yoo e le Malego. 11 Foo Jesu a raya Petoro a re: “Somela tšhaka mo kgatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?” Jesu o fa pele ga lekgotla la Bajuta ( Math. 26:57-75 ; Mar. 14:53-72 ; Luka 22:54-71 ) 12 Ya baa gona lesomo la batlhabani le molaodi-wa-sekete le batlhanka ba Bajuta ba tshwarang Jesu, ba mo golega, 13 ba mo isa go Hanase pele; gonne e ne e le mogwagwadia Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo. 14 Kaifase e ne e le ene yo o gakolotseng Bajuta a re: “Go molemo bogolo gore motho a le mongwe a swele morafe.” 15 Simone Petoro le morutwa yo mongwe ba sala Jesu morago. Morutwa yoo o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, a tsena le Jesu mo lapeng la moperesiti yo mogolo. 16 Petoro ene a eme fa kgorong kwa ntle. Jaanong morutwa yo mongwe yo o itsiweng ke moperesiti yo mogolo, a tswa, a bua le mosadi yo o disitseng kgoro, a tsenya Petoro mo teng. 17 Foo lelata le e leng modisa wa kgoro la raya Petoro la re: “A ga ke re le wena o mongwe wa barutwa ba monna yole?” A re: “Ga ke ene.” 18 Batlhanka le badiredi ba ne ba eme, ba ikomosa fa molelong wa magala o ba o gotsitseng; gonne go ne go le tsididi. Petoro a bo a eme fa go bone, a ikomosa. 19 Jaanong moperesiti yo mogolo a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe le ka ga thuto ya gagwe. 20 Jesu a mo araba a re: “Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring. 21 O mpoletsang? Botsa ba ba utlwileng se ke se buileng nabo; kana ba itse tse ke di buileng.” 22 Ya re a bua jalo, motlhanka mongwe yo o emeng teng a faphola Jesu a re: “A o araba moperesiti yo mogolo jalo?” 23 Jesu a mo fetola a re: “Fa ke buile ka tshokamo, supa ka ga tshokamo; mme fa ke buile ka tshiamo, o mpeletsang?” 24 Jaanong Hanase a mo romela a golegilwe go Kaifase, moperesiti yo mogolo. Petoro o latola gape 25 Simone Petoro o ne a ntse a eme a ikomosa. Ke fa ba mo raya ba re: “A le wena ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” A latola a re: “Ga ke ene.” 26 Motlhanka mongwe wa moperesiti yo mogolo, yo e neng e le wa losika la yo Petoro a mo kgaotseng tsebe, a re: “A ga ke a ka ka go bona kwa tshimong, o na nae?” 27 Ke fa Petoro a latola gape, mme mokoko wa akofa wa lela. Jesu o fa pele ga Pilato ( Math. 27:2 , 11-30 ; Mar. 15:1-19 ; Luka 23:1-25 ) 28 Jaanong ba ntsha Jesu mo ntlong ya ga Kaifase, ba mo isa kwa kagong ya molaodi, e sa le phakela. Fela bone ba se ka ba tsena mo kagong ya molaodi, gore e se re gongwe ba kgotlelega, mme ba itse go ja Tlolaganyo. 29 Jaanong Pilato a tswela go bone a re: “Molato o lo o bonang mo mothong yo ke ofe?” 30 Ba mo araba ba re: “Fa monna yo e ka bo e se mosenyi, re ka bo re sa mo go neela.” 31 Pilato a ba raya a re: “Mo tseeng, lo mo atlhole ka fa molaong wa lona.” Bajuta ba mo raya ba re: “Ga re a letlelelwa go bolaya motho.” 32 E ne e le gore lefoko la ga Jesu le dirafale, le a kaileng ka lone mokgwa wa loso lo a tla lo swang. 33 Ke fa Pilato a tsena mo kagong ya molaodi, a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena kgosi ya Bajuta?” 34 Jesu a araba a re: “A o bua jalo ka bogagago, a kampo bangwe ba go boleletse ka ga me?” 35 Pilato a araba a re: “A ke Mojuta? Morafe wa ga eno le baperesiti ba bagolo ba go nneetse; o dirileng?” 36 Jesu a araba a re: “Puso ya me ga se ya lefatshe leno. Fa puso ya me e ka bo e le ya lefatshe leno, badiredi ba me ba ka bo ba tlhabana gore ke se neelwe Bajuta; mme jaanong puso ya me ga se ya mono.” 37 Pilato a mo raya a re: “Mme a e fela o le kgosi?” Jesu a araba a re: “O bolela jalo, ke kgosi. Ke tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo lefatsheng gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.” 38 Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?” E rile a sena go bua jalo, a ba a tswela kwa Bajuteng, a ba raya a re: “Nna ga ke bone molato ope mo go ene. Jesu o atlholelwa loso 39 Kana lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe ka moletlo wa Tlolaganyo; jaanong a lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?” 40 Ba goa botlhe gape ba re: “E seng yoo, mme a e nne Barabase!” Barabase ene e ne e le senokwane. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa