Johane 15 - Setswana 1970Setlhare sa moweine le dikala tsa sona 1 “Ke nna setlhare sa moweine sa nnete; Rre ke molemi wa moweine. 2 Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo. 3 Lona lo setse lo tlokotlilwe ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. 4 Nnang mo go nna, le nna ke nne mo go lona; gonne ga lo ka ke lwa ungwa, fa lo sa nne mo go nna, jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka boyona, fa e sa nne mo moweineng. 5 “Ke nna setlhare sa moweine, lona lo dikala. Yo o nnang mo go nna le nna ke le mo go ene, o ungwa maungo a mantsi; gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. 6 Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle, jaaka kala e latlhelwa kwa ntle, e omelele, mme di kokwanngwe, di latlhelwe mo molelong, di fisiwe. 7 Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang, se tla lo dirafalela. 8 Se Rre a ka galalediwang ka sona ke fa lo ungwa maungo a mantsi, lo nna barutwa ba me. 9 Ke lo ratile, fela jaaka Rara a nthatile; nnelang ruri mo loratong lwa me. 10 Fa lo utlwa ditaolo tsa me, lo tla nna mo loratong lwa me, fela jaaka nna ke utlwile ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe. 11 “Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo tlale. 12 Taolo ya me ke ya gore lo ratane, fela jaaka ke lo ratile. 13 Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo lwa gore motho a ntshetse ditsala tsa gagwe bophelo jwa gagwe. 14 Lona lo ka nna ditsala tsa me, fa lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang. 15 Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe a se dirang. Lona ke lo biditse ditsala; gonne tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke di lo begetse. 16 Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng. 17 Ke lo laela dilo tse, e le gore lo ratane. Lefatshe le tlhoile badumedi 18 “Fa lefatshe le lo tlhoa, itseng gore le ntlhoile pele ga lona. 19 Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng. 20 Gopolang lefoko le ke le lo reileng ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba tlhokometse lefoko la me, le la lona ba tla le tlhokomela. 21 Mme dilo tsotlhe tseo ba tla di lo dira ka ntlha ya leina la me, ka ba sa itse yo o nthomileng. 22 Fa nka bo ke se ka ka tla ka bua nabo, ba ka bo ba se na sebe; mme jaanong ga ba na sepe se ba tla itatolang boleo jwa bone ka sona. 23 Yo o ntlhoileng o tlhoile le ene Rre. 24 Fa nka bo ke sa dira ditiro mo gare ga bone tse di sa dirwang ke ope o sele, ba ka bo ba se na sebe; mme le fa ba di bonye, ba tlhoile nna le Rre, 25 e le gore lefoko le le kwadilweng mo molaong wa bone le dirafale le le reng: ‘Ba ntlhoile ka bomo.’ Tshupo ya Mowa o o Boitshepo le ya badumedi ka ga Jesu 26 “E tla re Mogomotsi a sena go tla, yo ke tla mo lo romelang, a tswa mo go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri o o tswang kwa go Rara, o supe ka ga me. 27 Mme le lona lo tla supa; gonne lo ne lo ntse lo na le nna go tloga tshimologong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa