Johane 14 - Setswana 1970Dipotso tsa barutwa. Dikgothatso ka ga tumelo 1 “A dipelo tsa lona di se huduege; dumelang mo Modimong, le nna, dumelang mo go nna! 2 Mo ntlong ya ga Rre go na le maago a le mantsi. Go seng jalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa manno. 3 Mme e tla re ke sena go ya le go lo baakanyetsa manno, ke boe, ke lo itseele gore kwa ke leng teng, le lona lo nne teng. 4 Mme kwa ke yang teng, lo a go itse, le tsela lo a e itse.” 5 Thomase a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang teng; mme tsela re ka e itse jang?” 6 Jesu a mo araba a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna. 7 Fa lo ka bo lo nkitse, lo ka bo lo itse le ene Rre. Mme go tloga jaanong lo a mo itse, lo bile lo mmonye.” 8 Filipo a mo raya a re: “Morena, re supetse Rara, foo go tla bo go re lekanye.” 9 Jesu a mo raya a re: “Ga ke bolo go nna le lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara. O bua jang fa o re: ‘Re supetse Rara’? 10 A ga o dumele gore nna ke mo go Rara, le Rara o mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a bue ka bogame; mme Rara yo o nnang mo go nna ke ene yo o dirang ditiro tsa gagwe. 11 Ntumeleng gore ke mo go Rara, le Rara o mo go nna; mme fa go sa nne jalo, ntumeleng ka ntlha ya tsona ditiro. 12 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang, e bile o tla dira tse dikgolo bogolo go tse; gonne ke ya kwa go Rara. 13 Mme le fa e ka nna eng se lo ka se kopang mo leineng la me, ke tla se dira gore Rara a galalediwe mo go Morwa. 14 Fa lo kopa sengwe mo leineng la me, ke tla se dira. Ka ga go tla ga Mowa le kagiso 15 “Fa lo nthata, lo tla dirisa ditaelo tsa me. 16 Nna ke tla rapela Rara, mme o tla lo naya Mogomotsi yo mongwe gore a nne le lona ka bosakhutleng, 17 e bong Mowa wa nnete, o lefatshe le palelwang ke go o amogela; gonne ga le o bone le e seng go o itse. Lona lo a o itse; gonne o na le lona, e bile o tla nna mo teng ga lona. 18 “Ga nke ke lo tlogela lo le masiela. Ke tla tla go lona. 19 Morago ga sebakanyana lefatshe ga le nke le tlhola le mpona; mme lona lo tla mpona; e re ka ke phela, le lona lo tla phela. 20 Tsatsing leo lo tla lemoga gore ke mo go Rre, le lona lo mo go nna, le nna ke mo go lona. 21 “Yo o tshotseng ditaolo tsa me, a di dirisa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, le nna ke tla mo rata, ke be ke mo itshenolela.” 22 Jutase, e seng Isekariote, a mo raya a re: “Morena, ke go reng, fa o tla itshenolela rona, e seng lefatshe?” 23 Jesu a mo araba a re: “Fa mongwe a nthata, o tla tlhokomela lefoko la me, le Rre o tla mo rata; mme re tla tla go ene, re aga mo go ene. 24 Yo o sa nthateng ga a tlhokomele mafoko a me; mme kana lefoko le lo le utlwang ga se la me; ke la ga Rara yo o nthomileng. 25 “Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke na le lona. 26 Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo leineng la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe, o bo o lo gakolola tsotlhe tse ke di lo boleletseng. 27 “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke lo nee jaaka lefatshe le naya. A dipelo tsa lona di se huduege, le gona di se boife. 28 Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re: ‘Ke a tsamaya, e bile ke boela go lona.’ Fa lo ka bo lo nthata, lo ka bo lo itumela, fa ke rile: Ke ya go Rara; gonne Rara o mogolo go nna. 29 Ke lo boleletse jaanong, go ise go dirafale gore e re fa go dirafala, lo dumele. 30 Ga nkitla ke tlhola ke bua tse dintsi le lona; gonne molaodi wa lefatshe leno o e tla, mme ga a na thata epe mo go nna; 31 fela lefatshe le na le go itse gore ke rata Rara, ke bile ke dira ka fa a ntaetseng ka teng. “Ka moo a re nanogeng, re tlogeng fano. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa