Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Johane 11 - Setswana 1970


Bolwetse jwa ga Lasaro le loso lwa gagwe

1 Go ne go le motho yo o lwalang, e bong Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogolowe.

2 Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala.

3 Jaanong bokgaitsadie ba roma go ene ba re: “Morena, bona, yo ò mo ratang o a lwala.”

4 E rile Jesu a utlwa, a bua a re: “Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa kgalaletso ya Modimo gore Morwa Modimo a galalediwe ka jona.”

5 Jesu a bo a rata Maretha le monnawe le Lasaro.

6 Jaanong ya re a sena go utlwa gore o a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a mabedi kwa a neng a le teng.

7 Morago ga moo a raya barutwa a re: “A re yeng gape kwa Jutea.”

8 Barutwa ba mo raya ba re: “Moruti, maloba Bajuta ba ne ba batla go go kgobotletsa, mme a ò boa o ya teng gape?”

9 Jesu a araba a re: “A dinako ga di 12 mo letsatsing? Fa motho a tsamaya motshegare, ga a ka ke a kgotšwa; gonne o bona lesedi la lefatshe leno.

10 Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a kgotšwa, ka lesedi le se teng fa go ene.”

11 A bua jalo, mme morago ga moo a ba raya a re: “Lasaro, tsala ya rona, o robetse; mme ke ya teng go mo tsosa mo borokong.”

12 Foo barutwa ba mo raya ba re: “Morena, fa a robetse, o tla fola.”

13 Mme Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola gore o bua ka ga thobalo ya boroko.

14 Jaanong Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: “Lasaro o sule.

15 Mme ke itumela ka ntlha ya lona, fa ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele. Fela a re yeng go ene.”

16 Thomase yo o bidiwang Lefatlha a raya barutwa-ka-ene a re: “Le rona a re tsamaeng, re ye go swa nae.”


Tsoso ya ga Lasaro

17 E rile Jesu a goroga, a fitlhela a setse a na le malatsi a le mane mo phupung.

18 Bethania o ne a le gaufi le Jerusalema, e ka nna dimaele di le pedi.

19 Bajuta ba bantsi ba ne ba tsile go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ntlha ya loso lwa ga kgaitsadia-bone.

20 Ya re Maretha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya a mo kgatlhantsha; Maria ene a sala a ntse mo ntlong.

21 Ke fa Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.

22 Le jaanong ke itse gore tsotlhe tse o tla di kopang Modimo, Modimo o tla di go naya.”

23 Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.”

24 Maretha a mo raya a re: “Ke itse gore o tla tsoga ka letsatsi la bofelo motlhang botlhe ba tsogang.”

25 Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le bophelo; yo o dumelang mo go nna o tla phela, le fa a ka swa.

26 Mongwe le mongwe yo o phelang, a dumela mo go nna, ga a ka ke a swa ka motlha ope. A o dumela jalo?”

27 Ene a mo raya a re: “Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete, Morwa Modimo, yo o tlang mo lefatsheng.”


Jesu o bua le Maria

28 Ya re a sena go bua jalo, a ya a bitsa monnawe Maria ka sephiri a re: “Moruti o fale, o a go bitsa.”

29 Yoo e rile a utlwa, a nanoga ka pele, a ya go ene.

30 Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, mme a sa le fa Maretha a mo kgatlhantshitseng teng.

31 Bajuta ba ba neng ba na nae mo ntlong, ba mo gomotsa, ya re ba bona Maria a nanoga ka pele, a tswela kwa ntle, ba mo sala morago, ka ba gopola gore o ya kwa phupung gore a lelele teng.

32 Ya re Maria a fitlha kwa Jesu a leng teng, mme a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.”

33 Jaanong ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a tlhabega mo moweng, a huduega

34 a re: “Lo mo laditse kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tlaa o bone.”

35 Jesu a tsholola dikeledi.

36 Ke fa Bajuta ba re: “Bonang, o ne a mo rata jang ne!”

37 Mme ba bangwe ba bone ba re: “A yo o foufolotseng matlho a sefofu o paletswe ke go dira gore ene yo a se ka a swa?”


Jesu o tsosa Lasaro

38 Jaanong Jesu a ba a tlhabega, a tla fa phupung; mme ya bo e le legaga, le thibilwe ka letlapa.

39 Jesu a re: “Tlosang letlapa!” Mme Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, o setse a na le monkgo; gonne e setse e le malatsi a mane a ntse a sule.”

40 Jesu a mo raya a re: “A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela, o tla bona kgalalelo ya Modimo?”

41 Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a letseng teng. Jesu a lelala godimo a re: “Rara, ke a go leboga, ka o nkutlwile;

42 mme ke ntse ke itse gore o nkutlwa ka gale. Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba ntikanyeditseng gore ba dumele fa o nthomile.”

43 Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: “Lasaro, tswela kwano!”

44 Ke fa yo o neng a sule a tswa, a fapakilwe diatla le dinao ka masela a phupu, le sefatlhego sa gagwe se fapilwe ka lesela. Jesu a ba raya a re: “Mmofololeng, lo nte a tsamae.”


Polelelopele ya ga Kaifase

45 Jaanong Bajuta ba bantsi ba ba neng ba tlile go Maria, ya re ba bona se Jesu o se dirileng, ba dumela mo go ene.

46 Mme bangwe ba bone ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela tse Jesu a di dirileng.

47 Jaanong baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba tsenya lekgotla le legolo ba re: “Re ka dirang, ka monna yoo a dira ditshupo tse dintsi?

48 Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla, ba re amoga lefatshe le morafe.”

49 Mongwe wa bone, e bong Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Lona ga lo itse sepe,

50 le gona ga lo akanye, fa go le molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele morafe, mme go se ka ga latlhega morafe otlhe.”

51 Fela a se ka a bua jalo ka bogagagwe, mme e rile ka e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a bolelela pele gore Jesu o tla swela morafe;

52 e seng morafe oo fela, mme le gona e le gore a phuthe bana ba Modimo ba ba faladitsweng, a ba kopanye.

53 Go tloga ka letsatsi leo ba bo ba dumelanye gore ba mmolae.

54 Ka lebaka leo Jesu a se ka a tlhola a tsamaya mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng le barutwa ba gagwe.

55 Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme ba bantsi ba tswa kwa nageng, ba ya kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo gore ba iphepafatse.

56 Jaanong ba batla Jesu, ba botsanya ba eme mo Tempeleng ba re: “Lo gopolang? A ga a nke a tla moletlong?”

57 Mme baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba bo ba laetse gore e re fa mongwe a itse kwa a leng teng, a bolele, gore ba ye go mo tshwara.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan